Go tlhopha ke boikarabelo jwa motho
23 Jun 2014
Mopalamente wa kgaolo ya Serowe Bokone Botlhaba Rre Dikgakgamatso Seretse o kopile banni ba dikgotla tsa Sengwato, Tshikinyega le Menyatso mo Serowe go tsaya boikarabelo ba puso e ba e batlang go tokafatsa le go tlhabolola matshelo a bone.
Rre Seretse o buile se, mo diphuthegong tsa kgotla kwa dikgotleng tseo bosheng. A re ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go itse le go dirisa tshwanelo ya gagwe go tlhopha puso e a e batlang. O kaile fa Batswana ka bontsi bas a iste bomosola ba go tlhopha mme ba tsaya tshwanelo e, mme ba e tsaya lolea fela.
A re kwa mafatsheng a mangwe go dintwa fela tse di kgolo batho ba lwela tshwanelo ya go tlhopha puso e ba e batlang fa mo Botswana batho bas a e kgathalele, ka jalo a kopa banni go ema ka dinao ba diririse sebaka se.
Rre Seretse o tlhalositse fa nako e setse e ile ya go ya kwa ditlhophong ka jalo, go mo marudung a setshaba go bona gore ke eng se se ba berekelang le se se sa ba berekeleng.
O tlhalositse fa kgang e tona e le go tlhabolola matshelo a bone, mme ka jalo ba lebe, ba sekaseke ditlha tse di botlhokwa tse ka matsetseleko go bona gore tse di mosola le bone ke dife le tse ba di solofetswang ke batho ke dife.
O ne a tlhalosetsa banni ba dikgotla tseo gore dipalo di supa fa go ikwadisitse Batswana ba sekae fela, mme a kopa gore botlhe b aba ikwadisetseng ba ye go tlhopha.
A re ba tshwanetse go tlotla letsatsi la ditlhopho ka ele lone letsatsi le le golo mo matshelo a bone aka jaanong ba bo ba tlhopha ba busi b aba ba batlang mme batshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go dira tshwanelo e.
Rre Seretse a re puso ya batho ka batho e batla batho baa b nang le boikarabelo, ba itse ditshwanelo tsa bone mme ba di diragatsa ka jalo le ditlhopho le ikwadisetso ya tsone ba tshwanetse go di tsaya tsia mme ba di dire.
O buile a sa kgwe mathe a gakolola thata gore botlhe ba ab ikwadisitseng ba ye go tlhopha ka letsatsi la ditlhopho, a tlatsa ka gore letsatsi la teng le lengwe fela mme le botlhokwa ka le kgona go fetola matshelo a bone.
Mo go tse dingwe Rre Seretse o ne a laela banni ba dikgotla tse tharo tse mme e bile a lebogela tirisanyo ya bone le ene mmogo a re o kgonne tse a dikgonneng ka thotloetsa ya bone le lerato la bone.
A re puso le yone e dirile ditsholofetso tsa yone, ka mananeo a tshwanang le a LIMD le Ipelegeng le ntswa bangwe ba ne ba a kgala, le fa ne go nala mathata a letlhoko la madi mo lefatsheng ka bophara. ENDS
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : SEROWE
Event : Phuthego Tsa Kgotla
Date : 23 Jun 2014