Breaking News

Elijah o apaa tse di kgaolang monwana

23 Jun 2014

E re ka lefatshe leno le aperwe ke mathata a kgwelo tlase ya itsholelo le letlhoko la ditiro le le kwa godimo, bangwe ba bona go le botoka go itshwarela ka diatla, ba tshele ka mofufutso wa phata tsa bone.

Mang le mang o a lemoga gore mo nakong eno kgomo tsentse thako kgamelong mo mhameng wa itsholelo lefatshe ka bophara.

Puso ya lefatshe leno e setse e tlhabile mokgosi gore e ke nako e e tlamang motswana mongwe le mongwe yo onang le bokgoni go thusa go tshwakanya itsholelo ka ditsela tse di farologanyeng jaaka go itshimolodisa dikgwebo tse ka tsone di ka imololang puso morwalo wa bo atlhama ke go jese.

Mme Mbako Elijah o nnile tsebe ntlha go utlwa mokgosi o, ya re go bona botshelo bo shenne meno, mphure a harelwa, le gone a itse fa phokoje go tshela yo o dithetsenyana, Mme Elijah a ikitaya ka thupana.

A lemoga gore e tla re a re o tshela sentle a bo a ka itshimolodisa kgwebo e e ka mo thusang go bona dithebe tsa go fepa ba lwapa la gagwe. Mme Elijah kgotsa Mmantikini jaaka bareki ba gagwe ba tlwaetse go mmitsa o itsege ka botswerere jwa go apaya dijo ka go farologana.

Ba ba tsamaelang ntlheng ya marekisetso a Choppies kwa Tutume ka nako ya dijo tsa motshegare ba itse sentle gore botswerere jwa go apaya dijo tsa Setswana ke eng.

Mme Elijah o setse a le dingwaganyana a bonwa fa tlhoko ga tsela foo a le mo kgwebong ya gagwe ya go rekisetsa morafe dijo tsa motshegare. O rekisa dijo di akaretsa dikgobe, bogobe jwa lerotse, morogo wa dinawa o o apeilweng ka manoko, seswaa, lebelebele le tse dingwe ka go farologana.

Mme Elijah o tlholega kwa motseng wa Nshakshogwe mo kgaolong potlanaya Tutume, ke motho wa maloba ka ngwagawa1956 mme fela botlhaga jwa gagwe o ka latola gore o gagabela go tshwara masome a marataro a dingwaga.

Mme yo o tswa kgakala le tsa kapei, a re e sale a simolola ka ngwaga wa 1982 a le mmereki kwa Khansele ya Tutume. Mme Elijah a re o ne a bereka e le morongwa fela dituelo tsa gagwe di ne di sa lekane ba lwapa la gagwe. E re ka go twe mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng, mme Elijah o ne a seka a ipona tsapa, a tshwanelwa ke go tshematshema go dira sengwe se se ka oketsang tuelo ya gagwe.

A re o ne a tsaya tshwetso ygo apaya borotho jwa mahura jo bo itsegeng ka go bidiwa magwinya le mapakiwa go rekisetsa badiri ba khansele le ope yo nang le kgatlhego mo mosong pele ba ka simolola tiro ya letsatsi.

Dipoelo tsa borotho are di ne tsa dira pharologanyo e ntsi thata mo botshelong jwa gagwe mme a bona fa go ipereka go le bogadi bo gaufi ka jaana motho ga a letle letsatsi la tuelo. Ka jalo a re o ne a tsaya tshetso yago tlogela tiro ka ngwaga wa 2012 go tlhwaafala ka tsa kapei.

A re botsipa jwa go apaya o bo tsere mo go mmagwe le mogolowe. Le fa MmaElijah a itsege ka go rekisetsa fa tlhoko ga tsela, o a tle a bidiwe a apeele badiri ba khansele le maphata a mangwe a puso gone mo Tutume fa ba na le mediro kgotsa thuto seka dipuisanyo.

A re fa a biditswe jaana o tshegatshega fela a itse sentle gore gotlannale pharologanyo mo kgetsing ya gagwe ya madi. A re ka dipoelo tse a di boneng, o kgonne go duelela ngwana wa gagwe go ya go ikoketsa dithuto ko lefatsheng la Zimbabwe gape o kgonne go gokela metsi le motlakase mo ntlong ya gagwe.

Ga go motlhofo mme Elijah a boela ka dijo tse a di apeilweng ko lapeng ka jaana tlhwatlha ya dijo tsotlhe ke masome a mabedi a dipula fela gape go na le bangwe ba a reng ba dirile thulaganyo ya go nna ba mo duela ka mafelo a kgwedi.

Mme Elijah a re kgwebo ya go apaya fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe le yone e na le dikgwetlho. A re tlhaelo ya didirisiwa di tshwana dipitsa e dira gore a apeye dijo di se kafe fela le ntshwa theko e le ko godimo.

O supile gape fa tlhaelo ya ditilo le ditafole di baya bareki ba gagwe ka fa mosimg ka bangwe ba felela ba ja ba eme ka dinao. A re ka nako ya pula e na gone ke selelo sa khuranyo ya meno ka ga a na yone tante e bareki ba ka nna mo go yone go tshabela pula.

Mme Elijah o lela gape ka ditlhwatlhwa tsa nama tse di kwa godimo. Mme Elijah a re le fa dikgwetlho di le teng se se mo itumedisang thata ke gore dipoelo di a nametsa ga go tshwane le a sa ntse a le mmereki, a re ka letsatsi o kgona go dira madi a a tshwarang makgolo a le marataro a dipula.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 23 Jun 2014