Breaking News

Serowe o ipelela thobo

23 Jun 2014

Banni ba Serowe ba Ipeletse thobo ee nametsang eba e boneng monongwaga.

Fa a ema morafe ka lefoko Kgosi Mokhutshwane Sekgoma one are o lebogela gore abo ba bone gole botlhokwa gore ba tlise bonnye jo ba bo boneng kwa kgosing ka seo se supa fa ba leboga badimo gore a bo ba ba hile thobo ee nametsang monongwaga.

A re ba tshwanetse go lemoga gore dithapelo tsa bone tse bane badi tshwara tsa go kopa pula di arabilwe ka jalo go botlhokwa gore ere ngwaga oo tlang ba tlise thobo ee fetang ya gompieno gore kopo ya bone etle e reediwe.

Kgosi Sekgoma oba gakolotse gore ba nne malala a laotswe ka jaana letsema lele gaufi, are seo se tlaa ba thusa gore ba kgone go tshwara bokgola jwa pula tsa ntlha. O ne gape a kopa morafe waga Mmangwato gore o itshekatsheke ka go lebega ba latlhegelwa ke ngwao mme seo sesa ba siamela.

Ene e rile gole pele Kgosi Sediegeng Kgamane a amogela morafe are ere ntswa dipula tsa ngogola di nele morago ga nako mme ebile dina ka bontsi goa nametsa gore abo ba kgonne go bona sengwe kwa masimo mme ba tlaa ora molelo wa mariga.

O boleletse morafe gore ba tshware ka thata kwa masimo ka gore ke maikaelelo a puso gore batho ba leme mme ba kgone go ijesa.

Kgosi Sediegeng Kgamane o gakolotse morafe gore ba tshwanetse go dirisa methale ya temo ee tlhabolotseng ka gore go supagetse fa e ntsha maduo aa botoka mme ebile se seka ba thusa le gone gore ba rekise.

O tsweletse ka gore sese itumedisang ke gore fa e sale go ntshiwa mophato wa ntlha ngwaga tse pedi tsedi hetileng banana ba kgatlhegela ditiro tsa Setswana.

O gwetlhile batsadi gore ba rotloetse ban aba bone go nna le seabe mo ditirong tsa setso ka se setla dira gore ba gole ba na le maikarabelo mo setshabeng a tlatsa ka gore le botlhoka tsebe boka fokotsega. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : SEROWE

Event : Ipelelo Thobo

Date : 23 Jun 2014