Tshwaragano ga e yo kwa Matopi
23 Jun 2014
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Motopi a re o tshwenngwa thata ke gore badirelapuso ga ba kgone go bereka ba tshwaraganye le boeteledipele jwa motse.
Mme Baemedi Makgetho o buile jalo mo phuthegong ya kgotla ka Labotlhano e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Boteti Bokone Rre Slumber Tsogwane.
Mme Makgetho are seemo seo se dirwa ke go phuthama ga komiti ya babereki ya Village Extension Team (VET). A re go tlhoka komiti ya VET go dira gore VDC e seka ya kgona go itse mathata a maphata le dikolo tse di mo motseng wa Motopi le gone go di begela boeteledipele jaaka mopalamente mo diphuthegong tsa kgotla.
Mme Makgetho o tsweletse a supa gore dikomiti tse dingwe tse di motseng le tsone di tlhoka go rutuntshiwa fela jaaka ya VDC gore di kgone go dira tiro ya tsone ka botswerere.
O tlhalositse gore dikomiti mo motseng jaaka ya balemi barui (farmers committee), ya botsogo le tse dingwe di tlhoka go rutuntshiwa gore di kgone go itebaganya le mathata a tshwenyang mo motseng le gone go nna ba ruta morafe. Modulasetilo wa VDC o ne a supa gape gore o tshwenngwa ke go bona ditiro dingwe di tsweletse mo motseng le fa maphata a romilwe go di dira a sa rerise komiti ya ditlhabololo.
A re seemo seo se a tshwenya ka gore boikarabelo jwa go tlhokomela ditiro tsa go nna jalo bo sala le komiti ya VDC le Kgosi. A re nngwe ya ditiro tse di dirilweng ntle morero ke go agiwa ga matlo a batho ba ba neng ba senyeditswe bonno ke dipula ka gore a dirilwe a bo a wediwa ba sa rerisiwe ka jalo beng ba one ba setse ba tlisitse dingongorego kwa go bone.
Kgosi Baletanye Kelewendo le ene o supile fa motse wa gagwe o na le lobaka o sena modiredi wa ofisi ya boipelego ka jalo morafe o sa kgone go fiwa ditlamelo jaaka go tshwanetse.
Kgosi Kelewendo are modiredi wa ofisi ya boipelego o botlhokwa thata ka gore o thusa gore matshelo a ba ba tlhokang a kgone go tswelela. Mopalamente Tsogwane le ene o gateletse botlhokwa jwa gore motse o nne le modiredi wa boipelego are go tla thusa thata gore batho ba fiwe thuso le dikgakololo tsa go itirela dikgwebo tse di potlana ba itirela ka diatla gore ba kgone go ikinola mo lehumeng.
Rre Tsogwane are bodiredi jwa maphata le jone bo tshwanetse go lomaganya le komiti ya VDC le bogogi jwa motse gore morafe o kgone go thusiwa sentle.
Mopalamente Tsogwane o supile gape gore dikomiti tse di mo motseng ka go farologana di na le maphata a di berekang le one jaaka la botsogo le la temo thuo ka jalo ba tshwanetse ba tsaa boikarabelo jwa go rutuntsha maloko a tsone gore a kgone go thus morafe ka botlalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Jun 2014