Breaking News

Puma e aba dikobo

23 Jun 2014

Mogolwane wa ofisi ya boipelego mo Letlhakane a re bana ba ba tswang mo malwapeng a itlhokang, masiela le dikhutsana ba na le dikgoreletsi tse di amang matshelo a bone ka jalo ba tlhoka go sidilwa maikutlo.

Mme Mmoni Makobye o buile jalo ka Matlhatso jaaka kompone ya Puma Energy e ne e abela bana ba dikobo le mebese a supa gore le fa dikompone ka go farologana di dira tiro e ntle ka go abela ba malwapa a itsholelo e kwa tlase go botlhokwa gore ba abelwe se se ka ba thusang gore ba itumele mo maikutlong.

A  re go botlhokwa gore dikompone di lemoge gore go abela bana ba dithoto fela ga go a lekana ka gole botlhokwa thata gore ba sidilwe maikutlo ka seo se ka ba thusa gore ba kgone go itebaganya le dikgwetlho tsa botshelo le gone go dirisa sentle tse ba di abelwang.

Mme Makobye a re go le gantsi dikompone le makalana a mangwe ba na le go tsenya letsogo go thusa puso ka go abela bana ba masiela, dikhutsana le ba malwapa a tlhokang dimpho ka go farologana, ba lebala go sala morago matshelo a bana ba ka bophara, a tswelela a gatelela gore bana ba, ba na le dikgwetlho ka jalo ba tlhoka bogakolodi le gone go sidilwa maikutlo.

O rotloeditse kompone ya Puma Energy  le tse dingwe gore mo isagong ba thuse bana  ba ka go  ba tlisetsa dithoto tsa bogakolodi le tshidilo maikutlo, a supa fa go le botlhokwa gore bana ba, ba fiwe lorato le go rotloediwa go ikemela mo botshelong.

Mme Makobye o tlhalositse gore lenaneo la go tlhokomela bana ba masiela ka go ba tlamela le simolotse e le la nakwana, le itebagantse le bana ba ba neng ba latlhegelwa ke batsadi ntateng ya bolwetse jwa AIDS.

O supile gore le fa go ntse jalo puso e ne ya bona gole botlhokwa go tsweledisa lenaneo le, ka go lemoga fa dipalo tsa bana ba ba tlhokang thuso ya go tlamelwa ba oketsega.

Mme Makobye are bangwe bana ba sala ba sena motlhokomedi batsadi ba gapilwe ke malwetse ka go farologana kgotsa dikotsi tsa tsela. O ne a leboga go bona dikompone jaaka ya Puma Energy di tsweletse ka go thusa go tlamela bana.

Mogolwane wa kompone ya Puma Energy, Rre Boineelo Shubane are tiro ya go abela bana ba ba tlhokang e supa lorato a tlatsa ka gore go dira jalo go thusa gore matshelo a bone o tokafale le gone gore a tswelele pele.

Rre Shubane a re kompone ya Puma Energy e motlotlo thata go bona e tsenya letsogo mo ditirong tsa setshaba a tlatsa ka gore ba kgonne go abela bana ba ka tshwaragano ya motia le boeteledipele jwa khansele potlana ya Boteti. 

O supile gore mo puisanong ya bone le ba khansele ba ne ba lemoga fa dipalo tsa bana ba ba tlhokang thuso di le kwa godimo mo Boteti.

Rre Shubane are bangwe ba bone ba nna mo mafelong a kgakala le ditlamelo, bangwe e le ba ba tlogetseng dikolo ka mabaka a farologanyeng, bangwe ba bone ba eteletse pele malwapa a senang batsadi fa bangwe e le ba ba nang le bogole kana dikhutsana.

A re mpho e ba e abileng e lebega e le potlana ba ba abetsweng bone ba itumetse thata e bile e tla ba thusa go itshireletsa mo serameng ka ele nako ya paka ya mariga. Rre Shubane are go a tshwenya go bona malwapa mangwe a tshelela mo lehumeng ka jalo go botlhokwa gore ba thusiwe gore botsogo jwa bone bo tokafale. 

E ne ya re a leboga ba Puma Energy mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Boteti Rre Christopher Maramba a re dimpho tse di abetsweng bana ba masiela di botlhokwa e bile di tla dira pharologanyo matshelong a bone.

Rre Maramba a re le fa khansele e tsweletse ka go tlamela bana, boamaruri ke gore e tlhaelelwa ke madi ka jalo go botlhokwa gore dikompone le batho ka bongwe ka bongwe a tswelele ka go thusa.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKANE

Event : Kabo Dimpho

Date : 23 Jun 2014