Breaking News

Lefatshe la kgwebo le sa le teng kwa gavMmangwato

23 Jun 2014

Modulasetilo wa lekgotla la ga Mmangwato la kabo ditsha  Rre David Modisagape a re ba santse ba na le lefatshe la kgwebo, le ba eletsang go le abela boradikgwebo ba batlhwafaletseng go le dirisa ka botswapelo le gone gotla ka dikgwebo tse di ka thusang puso go tlhamela Batswana ditiro.

Rre Modisagape o buile mafoko a mo phuthegong ya bobega dikgang e e neng e rulagantswe ke ba lekgotla la kabo ditsha la ga Mmangwato gotla go lemotsha bobega dikgang jwa lefatshe leno kavtse ba lekgotla leo ba divdirang mo kabong ya lefatshe.

Rre Modisagape one are mo Palapye mo tseleng e e yang Francistown go ya kwa bokone ja lefatshe leno ditsha tse di mo molemeng gobapa le madirelo a digalase le a  ditshipi, ke ditsha fela tse ba di beetseng dikgwebo tse ditona, mme a kopa babeletsi gatla go ikopela lefatshe.

One a tlhalosa fa 70 per cent ya lefatshe ele  lefatshe la morafe le le motlhokomelong ya makgotla a kabo ditsha a lefatshe leno, are tsamaiso ya lefatshe leno e dirwa ka kelotlhoko e e tseneletseng goitsa dikgang le dintwa tse dika tlhagogang jaaka re bona mo mafatshing a mangwe lefatshe le lwalwa.

Are lefatshe ke karolo e ebotlhokwa e e thlokang go dirwa ka kelelelo le kelotlhoko gotila dikgang tse dikanna teng tsa lefatshe.one a kopa babega dikgang go itebaganya le dikgang tsa lefatshe le go kwala that aka tsone go  itsesi setshaba kafa lefatahe le tsamaisiwang ka teng are seo seka ba fokoletsa dikgang tsa go kgalelwa ruri.

Are faba ka dira jalo baka bathusa  ba kabo ditsha go ruta setshaba gore setlhaloganye sentle se lekgotla la kabo ditsha le sedirang le gone gore le bereka jang.

Ene yare morago babega dikgang ba batla goitse gore bone boradikgwebo baitsisiwe jang ka lefatshe leo gore batle go leikopela, le gone gore mo dipelaelong tsa bone tsa thekiso ya lefatshe badira gole kae mo ditlhotlhomisong tsa bone go bone gore bodiredi ja bone ga bo amege mo dikganyeng tseo.

Gotswa kwa pampering ya Mmegi le ba Duma FM bane ba batla goitse ditsha tse gobuiwang ka tsone fa gotla mo thekisong ya lefatshe ke batho ba bale rekisang ka boferefere, Bobega dikgang bone ja tswa ka mogopolo wa gore a golalediwe bangwebi gotla go itsisiwe le go bona lefathe leo, gongwe ba katswa ka maano a kafa leka diriwang ka teng bare mme golhoka gore lebo le na le ditlamelo kana go kanna motlhofo go diisa koo jaaka metsi le motlakase.

Erie a akgela mo dipotsong tseo le mo dikakgelong, Rre Modisagape a supa fa ele ruri basa dire golekane go bapatsa lefatshe leo la kgwebo, mme a supa fa bontsi ja ditsha tse direkisiwang ele tsa dipolase le tse ditsereng lobaka disa tlhabololwa. Oile are batlaa ikitaya ka thupa go bapatsa lefatshe leo la kgwebo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya babegadikgang

Date : 23 Jun 2014