Breaking News

Puso e rotloetsa ditshekatsheko tsa ditlamorago

23 Jun 2014

Puso e dirile molao wa gore fa go dirwa lenaneo la ditlhabololo, go dirwe ditshekatsheko tsa ditlamorago tse tikologo le matshelo a batho di ka amegang ka teng pele.

E rile a buisa morafe wa Palapye kwa kgotleng bosheng, moitseanape wa tsa tikologo le matshelo a batho, Rre Obonetse Lebakanyane a tlhalosa gore ke sone se ba boneng go le botlhokwa go tsamaya ba rerisana le batsaya-karolo ba tshwana le morafe le maphata a puso a a itebagantseng le tiriso ya lefatshe gonne fa gongwe go nna le batho ba ba yang go amiwa ke ditlamorago tsa ditlhabololo di tshwana le go tseelwa lefatshe, metse le masimo.

Rre Lebakanyane a re maikaelelo magolo a diphuthego tse ba di tshwarang ke go tsaya dikakgelo le maikutlo go tswa mo setshabeng mabapi le go tsenngwa ga ditshipi tsa mafaratlhatlha a ditlhaeletsano mo metseng ya bone ga mmogo le tse di sireletsang dipompo tse di tona fa gare ga Selebi Phikwe le Mmamashia.

Mogolwane wa boengeneere go tswa kwa lephateng la metsi, Rre Jonas Ramosalagadi o tlhalositse fa tiro ya go goga metsi e simolodisitswe morago ga go lemoga fa kgaolo ya bokone e nelwa ke dipula tse dintsi fa e tshwantshanngwa le ya borwa.  

O boletse fa tiro e, e tla fela ngwaga o o tlang mme e diilwe ke dipula tse di neleng tsa bo tsa epolola phaephe.

A re go ya go nna le phaephe e e tla bong e tswa mo kgotleng ya Serorome kwa Palapye go isa metsi kwa Gaborone, ga mmogo le go tsenngwa ga ditshipi tse di telele tse di tla bong di dirisiwa mo go tsa ditlhaeletsano, jalo ba ba ka amegang ba tla fiwa dikatso tsa phimolo keledi.

Fa a akgela, monni wa Palapye Rre George Swabi a re ditlhabololo ga di nke di tlhoka ditlamorago, mme fa di senya go nnile le morero le morafe, ke selo se se molemo ka tota ditlhabololo di tlhokega mo matshelong a batho.

Kgosi wa Palapye Rre Masego Olebile ene o ngongoregile ka diphaephe tsa ntlha tse di neng tsa dirwa, a re ga di a tiya ka di nna di thubegile fela, jalo a kopa gore di ntshiwe go tsenngwe tsa tshipi.

O boletse fa a itumelela gore go ntse le therisano le morafe mo mafelong a a farologaneng, mme a kopa lephata la metsi go itshwaraganya le la kabo ditsha go thusa batho ba ba tseelwang lefatshe ka ntlha ya ditlhabololo ka go ba batlela lefatshe gape go na le go ba fa madi ka a re ba felela ba a ja ba sa itirele sepe se se molemo ka one.

Diphuthego di tswelela mo mafelong a a yang go amiwa ke ditlhabololo tse a akaretsa Radisele, Mahalapye, Mookane, Artesia le Bokaa.   BOPA

Source : BOPA

Author : Priscilla Kgang

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 23 Jun 2014