Lemme ga le bolae...
23 Jun 2014
Tona ya tsa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu o kopile Batswana go sa bifela ditiro dingwe.
Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa metseng ya Kudumatse le Mokoswane bosheng, tona o boletse fa a tshwenyegile thata ka Batswana bangwe ba ba bifelang go dira ditiro dingwe ntswa ba sa bereke gope mme ba ikanya go nna fela.
Tona o boletse gore letlhoko la ditiro le kwa godimo fela thata mo lefatsheng leno ntswa le ka bo le le botoka fa bangwe ba ka bo ba sa tlhope ditiro.
O kopile setshaba go itharabologelwa mme ba tsene mo ditirong ka go farologana gore ba bone lemmenyana le le ka ba isang golo gongwe. A re go utlwisa botlhoko go bona bangwe ba nna fela mo majalweng ba sa dire sepe go tlhabolola matshelo a bone.
Le fa go ntse jalo, a re mo lefatsheng go tshelwa ka go thusana jalo go bereka motho yo mongwe ga go reye gore motho o maemo a kwa tlase ka yo mongwe o a bo a batla go direlwa fa yo mongwe a batla tiro go ka itshetsa, mo go supang gore batho ba a tlhokana.
Rre Batshu o tsweletse a kopa ba ba berekwang go tlotla le go nna le neelano le babereki ba bone.
Fa a itebaganya le badisa, o boletse gore e sale Seetebosigo a rogwa dituelo tsa bone di okeditswe go nna P550 ka kgwedi, ka jalo a ba kgothatsa go gagamatsa setoropo go lesa go timetsa leruo.
O ba kopile gape gore ba seka ba utswela beng ba bone leruo mme ba dire tiro ka botlalo eseng go nna fela kwa majalweng.
A re mo tlholegang ya motho go boletswe fa mongwe le mongwe a tla tshela ka mofufutso wa phatla ya gagwe, ka jalo o kopa Batswana go ema ka dinao go tsena mo ditirong tse di leng teng go tila tlala le lehuma.
O tlhalositse fa puso e dira maiteko a go fokotsa batswaka go ka tsaya ditiro dingwe tse Batswana ba ka di dirang ka bontsi, a tlhalosa gore e rile ka 2009, dipalo tsa supa gore batswakwa ba ba dirang mo lefatsheng leno mo maphateng a farologaneng a puso ba 19 080, mme ba fokodiwa ya re ka 2011 ba bo ba le 15 529.
O kopile Batswana go ema ka dinao go tsena mo ditirong di akaretsa tsa temo, mesepele, botsogo, go dira mo masimo le go disa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Chikumbudzi
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Jun 2014