Breaking News

Kgodiso ya bana e bokoa kwa Letlhakeng Botlhaba

23 Jun 2014

Mopalamente wa Letlhakeng Botlhaba, Rre Liakat Kablay o ngongoregile ka kgodiso ya bana mo kgaolong ya gagwe, a re go lebega e le yone e e alosang badisa le babelegi ba bana ka jaana fa motho a batla modisa kgotsa mmelegi wa ngwana o tla mo kgaolong ya Kweneng.

E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Mogonono ka Laboraro, a kopa batsadi go leka ka natla go fetola seo ka go tsaya boikarabelo mo thutong ya bana le go ba tshwaraganela le barutabana. 

A re bana ka bontsi ba ela sekoleng go thuba dikago, go goga motokwane le go tsena dikereke tse gotweng ke tsa ga saatane.

Rre Kablay o tlhalositse fa lefatshe leno ele gone le itharabologelwang mo manokonokong a kwelo tlase ya itsholelo fa e sale ka 2009 mme jaanong le setse le simolotse go rekisa diteemane le nama kwa mafatsheng a sele.

A re go phutlhama ga itsholelo ke gone mo go neng go diile ditlhabololo tsa metse e mentsi mo lefatsheng leno ka bophara, mme a re ka thuto e le yone konokono ya lefatshe, madi ka bontsi a abetswe lephata leo.

E rile a itebaganya le tsa botsogo, Rre Kablay a re dingaka le baoki ba a tlhaela mo dikgaolong tse di kgakala le ditlamelo, bogolo jang ka bangwe ba gana go berekela mo dikgaolong tseo. 

A re mo makgethong mangwe babereki bao ba ikanya go kgaogana le puso fa ba romelwa go berekela kwa dikgaolong.

Mo go tsa temo thuo, Rre Kablay o boletse fa puso e tla a tswelela ka go phakisa Batswana dipeo le menontshane  gammogo le go ba lemela ele maiteko a go ntsha bontsi jwa batho mo botlhoking. O kgadile Batswana bangwe ba a reng morago ga go lemelwa ba tlogela masimo a le nosi ba re ga ba a senyegelwa ke sepe mo temong eo.

E rile banni ba a kgwa mopalamente kgaba, ba lebogela thata loeto la gagwe la go ba lekola mme Rre Mpho Ntsimanyana a iteela legofi thitibalo ya sepolotiki sa lefatshe la Botswana, a bolela fa kwa mafatsheng a mangwe go busiwa ka seroophate. 

O rotloeditse batsadi go agela mafoko a mopalamente mosako, segolo bogolo mo kgodisong ya bana ka gore ke bone bokamoso jwa lefatshe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 23 Jun 2014