Breaking News

Ngwao e tshwanetse go kwalwa

23 Jun 2014

Ngwao ya Setswana e tshwanetse go kwalwa gore e bolokelwe dikokomane tse di tlang.

E rile a bua kwa letsatsing la ipelelo ngwao kwa sekoleng se se botlana sa Kgagodi ka mafelo a beke, Mothusa Tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe a bolela gore dintlha tsotlhe tsa ngwao jaaka mainane, dithamalakane, maboko le meila ya Setswana di tshwanetse go kwalwa gore di seka tsa nyelela.

A re go botlhokwa gore Batswana ba lemoge se ba leng sone e bile ba ipelafatse ka ngwao ya bone ba sa tlhabiwe ke ditlhong kana ba inyatsa. O tsweletse a re fa go sa kwalwe, dilo dingwe tsa ngwao di tla lebalesega mme motlhala wa tsone o timele.

A re didirisiwa tsa bogologolo jaaka diberebere, ditlatla, dilei le dijokwe di tshwanetse go bewa sentle tsa bolokwa gore bana ba tle ba ithute ka tsone.

Le fa go ntse jalo, a re ngwao e nyelediwa ke Batswana ka sebele, a supa gore ga go molato gore Setswana se adime mafoko mangwe mo dipuong tse dingwe, mme seo ga se sone se se diragalang ka Batswana ba tlhakanya puo ya setswana le ya sekgowa.

A re puo ya Setswana e nyelela ka go tsaya molodi o sele, a supa fa mafoko a tshwana le a “go harasa, go khavara, go inishieita,” ele mafoko a dirisiwang mo malatsing ano ntswa ele mafoko a sekgowa.

A re se, se raya gore mafoko a tshwana le kika, motshe, jokwe, tshega a ka nna a nyelela ka ntlha ya go fetoga ga ngwao le botshelo ja Batswana. Mo godimo ga se, Dr Kedikilwe a re tsamaiso ya bongaka jwa setso le yone e a nyelela ka gore ke sephiri jalo le yone e sa kwalwa.

O rotloeditse Batswana gore ba seka ba bifela dingwao tsa merafe e mengwe ya Batswana, a tlhalosa fa ngwao ya Setswana e akaretsa dingwao tsotlhe tsa merafe ya lefatshe leno tse e reng di kopana di dire sethunya se sentle sa ngwao ya Setswana.

Fa a tswa la gagwe, mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Palapye Rre Goloswang Ramogala o boletse fa Batswana ba tshwanetse go ipela ka ngwao ya bone.

A re metshameko ya bogologolo e tshwana le morabaraba, diketo le mhele di ne di ruta motho go akanya, a tlatsa ka gore bana ba tshwanetse go rutwa tsotlhe tsa ngwao ya Setswana ka ke bone disigo tse di tshwanetseng go tsenngwa mabele.

Letsatsi le ne le ipelelwa ka go supa dijo tsa Setswana, metshameko, patlo, botsetse le didirisiwa tsa Setswana ka go farologana.  ENDS

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : KGAGODI

Event : Ipelelo Ngwao

Date : 23 Jun 2014