Ramasu ke mokoko
22 Jun 2014
Mokhanselara wa kgaolwana ya Botshabelo kwa Maun yo e neng e le leloko la Botswana Congress Party (BCP), Mme Botshelobokae Ramasu o tlhaloseditse batlhopi ba gagwe fa a ya go emela ditlhopho e le moemanosi.
Mme Ramasu o tlhalositse jalo mo phuthegong ya phatlalatsa kwa kgaolwaneng ya Moeti ka Matlhatso fa tshwetso eo e bakilwe ke go tlhoka go sa tsewa sentle kwa phathing ya BCP.
A re o ne a itse gore ga gona go nna le ditlhopho tsa peo letlhokwa mo kgaolong ya gagwe ya botlhopi, mme a bolelelwa morago ka kgwedi ya Phalane ngwaga o o fetileng fa go tla a nna le ditlhopho tseo.
Mme Ramasu o tlhaloseditse banni bao fa kgang eo e ne ya seka ya mo itumedisa mme a ikuela ka go kwalela ofisi ya mopalamente ya Maun Bophirima.
A re boikuelo jwa gagwe ga bo a ka jwa tsewa tsia ka go bo lekwalo leo le ne la seka la fetolwa, a tlhalosa fa go ne go supa fa boeteledi pele jwa phathi ya BCP mo kgaolong ya Maun Bophirima bo ne bo sa tlhole bo mmatla.
Mme Ramasu o boletse fa selo se, se sa mo itumedisa ka gore yo a neng a tshwanetse go phadisanya le ene mo ditlhophong tsa peo letlhokwa, eleng Rre Molapisi Kasona a le magorogo masha mo phathing ya BCP a tswa kwa phathing ya Umbrella for Democratic Change (UDC).
Mme Ramasu o kopile banni ba Moeti go mo tlhopha gore a ye go tsweledisa go ba buelela gore ba nne le ditlhabololo, a re ba a itse fa e le ene a dirileng gore ba tsenyediwe metsi mo kgaolong.
O ba kopile gore ba tlhophe talama ya gagwe ya ntlo ya setswana ya letlhaka e e ruletsweng ka bojang mo mmaleng o motala.
E rile a ntsha la gagwe, Rre Gaebuse Mbwe, yo o emetseng ditlhopho kwa kgaolong ya Boseja Borwa a supa fa le ene e le moema-nosi mo ditlhophong tsa ngwaga ono.
Rre Mbwe o tlhalositse fa e le mo BCP wa popota, mme a ya go nna moema-nosi ka ntlha ya dilo tse di sa tsamaisiweng sentle kwa phathing eo.
A re go le gantsi, baeteledi pele ba diphathi ga ba tlhaloganye diemo tsa diphathi mo dikgaolong, a re ene o tswa kgakala le phathi ya BCP, e bile a e direla le ka ditsompelo tsa gagwe tota.
O kopile banni ba Moeti go tlhopha Mme Ramasu ka ba mo itse gammogo le ditiro tse a di dirileng mo kgaolong eo jaaka motho wa mme. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : Phuthego Ya Phatlalatsa
Date : 22 Jun 2014






