Shoshong o ipaakanyetsa temo
22 Jun 2014
Banni ba kgaolo ya Shoshong ba kopilwe go ipaakanyetsa temo gore ba nne le maduo a nametsang.
Fa a buisa diphuthego mo kgaolong ya gagwe, mopalamente Makgalemele o kopile morafe gore o agelela masimo, mme a rotloetsa ba diterekere go di baakanya gore di nne mo seemong se se siameng go ka lemela Batswana.
O rile go botlhokwa thata go lema ka ditselana ka go na le maduo a a botoka fela thata. O boletse fa puso ka marekisetso a Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) e tsere tshwetso ya go reka kgetsi ya dinawa ka P700 jalo a tlhalosa fa Batswana ba tshwanetse go tlhoafalela temo gore ba ipelege ka yone.
Mopalamente Makgalemele o lebogile batho ba kgaolo ya gagwe go bo ba lemile mme a kopa barapedi go tswelela ba rapelela dipula gonne dithapelo tsa ngogola di dikile di dirile go swela mme Batswana ba bona go lema mo go neng ga nyeletsa leuba.
Rre Makgalemele o boletse fa itsholelo e supa matlhasedi a go tokafala, ke ka moo dingwe tse puso e neng e di seegetse fa thoko di tla a simololwa go dirwa ka bonya ka bonya. A re puso e tsere tshwetso ya go simolodisa lenaneo la go aga matlo a dikole bogolo thata a boroko jwa barutabana le a borutelo ka lenaneo la Bag-log-eradication le dingwe ditiro tse di neng di le mo lenaneong la ditlhabololo tsa bolesome.
O boletse fa puso e remeletse thata mo go tokafatseng mananeo a a itebagantseng le go tokafatsa botshelo, a tshwana le la Ipelegeng.
Fa a itebaganya le dikgang tse a tla di isang kwa palamenteng, Rre Makgalemele o rile o tla isa mogopolo wa go diega ga go ntshiwa ga maduo a ditlhopo, mme a ya go kopa gore go balwa ga ditlhopo go dirwe mo nakong e khutshwane, a tlhalosa gore go ntshiwa ga maduo, bogolo jang a bopalamente e nne letsatsi morago ga ditlhopho go tila tsietsego e kwa pheletsong e ka tsalang dikgoberego.
O tlhalositse gore ditalama tsa bokhanselara le tsa bopalamente di tshwanetse go balwa nako e le nngwe fela. Rre Makgalemele a re mogopolo o mongwe ke wa gore bagolo ba seka ba duela mo dipalamong tsa setshaba.
A re kgang e nngwe ke gore maloko a komiti ya batsadi le barutabana a tshwanetse a sekasekwe mme a fiwe lemmenyana bogolo jang ka ba emetse tshaba ya Botswana e bile ba dira le bana botlhe ba sa lebelela dikgang tsa thuto ya bana ba bone fela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Chikumbudzi
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Jun 2014