Breaking News

Rakonche o tlhatlositswe maemo

22 Jun 2014

Mookamedi wa kereke ya Faith Gospel After Christ (FGAC), Rre Johane Rakonche a re keletso ya gagwe ke gore Morena a mmitse a santse a itsetsepetse mo tumelong ya ga Keresete.

Rre Rakonche o buile jalo ka Tshipi mo Letlhakane jaaka kereke ya FGAC e ne e rulagantse moletlo wa go mo tlhatlosa maemo go tswa mo go a mookami wa phuthego ya Letlhakane go nna mookamedi wa kereke lefatshe ka bophara. O tlhalositse gore go tlhatlosiwa maemo mo kerekeng ga se phenyo epe e e ka dirang gore a lebale go direla Modimo ka botswapelo.

Mookamedi Rakonche a re se se dirilweng ke go mo okeletsa gore a tswelele a direla phuthego ya FGAC le Modimo ka natla. A re le fa a godile o santse a na le le nonofo ya go dira ka thata go tsweledisa thomo ya ga Keresete. Rre Rakonche o rotloeditse ba ba sa tseneng kereke go fetoga nako e sale teng ba ineele mo lefokong la Modimo gore ba kgone go bona botshelo.

Rre Rakonche yo o tlwaelesegileng thata go bidiwa ka leina la Station kana Salt fa a setse a tshwere tiro ya gagwe mo kerekeng o tshotswe ka ngwaga wa 1942 o ne gape a dirisa moletlo o go ipelela dingwaga tse 72 le gone gape go ipelela letsatsi la borre (Father’s Day).

O tlhalositse gore o kopanye le kereke ya FGAC a direla kwa meepong ya gauta kwa Aferika Borwa mme a kolobediwa ka ngwaga wa 1960. A re morago a fudugela le yone mo Letlhakane ka ngwaga wa 1969.

Motiakone Kgagamedi yo o neng a tlhoma Rre Rakonche mo maemong a go nna mookamedi mo boemong jwa bishopo wa FGAC o tlhalositse gore ka ngwaga wa 2012 kereke e ne ya bona go le botlhokwa go rulaganya maemo a boeteledipele jwa yone go itsa dikgogakgogano fa mongwe wa bone a tlhokafala.

Rre Kgagamedi a re le fa go ntse jalo bangwe ba ne ba na le dipelaelo gore thulaganyo e e dirwang e ka nna ya thuba kereke le fa gone go sa nna jalo ba lebeletse megopolo wa go rulaganya boeteledipele o ne o tla ka komiti e bontsi jwa maloko e leng banana. Le fa go ntse jalo Rre Kgagamedi o supile fa thulaganyo ya go tlhopha boeteledipele e dirile bomolemo mo kerekeng ya FGAC.

Motiakone Kgagamedi o tsweletse a supa gore tiro ya go tlhopha, Rre Rakonche e le mongwe wa ba ba filweng maemo a botsamaisi jwa kereke ya FGAC e ne e se motlhofo le gale a re go nna boineelo le go dira ka natla go thusitse thata gore a tlhatlosiwe maemo.

O tlhaloseditse phuthego ya Letlhakane gore ba tlhaloganye gore jaaka Mookamedi Rakonche o tsena mo maemong a botsamaisi jwa kereke o tlaa bo a sa lebagana le phuthego ya bone fela, ka jalo o tlaa nna a romiwa go tsamaya a lekola diphuthego tse dingwe lefatshe ka bophara. Ka jalo a re phuthego ya Letlhakane e tlaa sala e tlhokometswe ke yo o mo salang morago ka maemo.

Rre Kgagamedi a re thulaganyo ya go tlhopha boeteledipele e dirwa jalo go setswe morago tsamaiso ya kereke. O supile gape gore go dira jaana go sireletsa seriti sa kereke ya FGAC ka gore gago kake ga nna le go kubetsana batho ba batla maemo.

O rotloeditse phuthego ya Letlhakane go sala ba itshekatsheka le go tlhopha yo o tlaa salang a goga phuthego. Motiakone Kgagamedi o kopile, Rre Rakonche gore a gololesege mo moweng gore a kgone go dira tiro ya gagwe ya bookamedi a sa kgoreletswe ke sepe le gone gore a ntshe dikgakololo tse di tlaa thusang go nonotsha botsamaisi jwa phuthego ya FGAC.

Rre Kgagamedi a re Rre Rakonche o tswa kgakala le kereke ya FGAC le gone e le modiri wa popota ka jalo gago thona go bona a tlhatlosiwa maemo a nna mongwe wa batsamaisi ba kereke.

E rile a bua mo boemong jwa batsadi ba Rakonche, Kgosi Philip Kopano go tswa kwa motseng wa Mosu a re se se dirilweng ke kereke ke go lebogela ngwana wa bone go bereka ka natla go thusa go godisa le go tshwaraganya kereke ya FGAC. Kgosi Kopano o gakolotse mookamedi Rakonche go tswelela ka tiro ya gagwe ya kereke a direla Modimo ka boamaruri mme a dira jalo a tshwaraganye le boeteledipele jaaka dikgosi.

O tlhalositse gore Rre Rakonche o godile a le boikobo, a le kutlo ka jalo ga go thona go bona go bona a tsweletse a gola jaaka moeteledipele. A re o eletsa gore Modimo o tswelele ka go mo okeletsa nonofo gore a tswelele a direla phuthego ya kereke ya FGAC le setshaba ka kakaretso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : LETLHAKANE

Event : Moletlo Wa Tlhatloso Maemo

Date : 22 Jun 2014