Breaking News

Molebatsi o kopa maitshwarelo

22 Jun 2014

Mothusa tona wa Temo Thuo Rre Oreeditse Molebatsi o kopile maitshwarelo mo go beng ba diterekere kana ditonki ba ba neng ba lemela balemi ka lenaneo la puso la ISPAAD go bo puso e ne ya diega ka dituelo tsa bone.

Fa a bua kwa diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa metseng ya Tswapong Bokone bosheng, Rre Molebatsi o boletse fa dituelo tsa balemi di ne tsa diega ntateng ya maranyane ka jalo go tlaa dirwa ka bofefo gore e re mo kgweding eno e ya fifing dituelo tsotlhe di bo di weditswe.

O ne a kopa boraditerekere kana ba ba lemang ka ditonki go nna pelotelele mme ba tswelele fela jalo ka go lemela balemi mo temong e e tlang go thusa puso mo lenaneong la go rotloetsa balemi go itirela dijo. Mo go tse dingwe Rre Molebatsi o ne a rotloetsa barui go tsibogela pitso ya boralophalo ya go tsenya dikgomo tsa bone manyena le omang.

A re go tsenya dikgomo omang le manyena go tlaa wediwa mo ngwageng ono mme morago ga moo barui ba bo ba itsenyetsa leruo la bone omang le manyena mo maroleng a bone fa ngwaga o o tlang o simologa. Rre Molebatsi o tlhalositse fa go itsenyetsa omang le manyena mo dikgomong e tlaa nna tlhwatlhwa e e tlaa kgonwang ke morui.

O tsweletse a re puso e sekaseka gore mo nakong e e tlang balemi ba abelwe dipeo go lebilwe gore di dira jang mo mafelong ka go farologana. A re seo se tlaa thusa go tlhabolola temo ka molemi a tlaa bo a lema a na le tsholofelo ya gore se a se lemileng se tlaa dira sentle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Phuthego Tsa Kgotla

Date : 22 Jun 2014