Morafe o tshwenngwa ke borukutlhi
22 Jun 2014
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Gerald Estate mo kgotleng ya Kanana, Mme Bakanoki Masole o supile fa sekgwa se se mo motseng oo se boifisa ka borukuthi bo direlwa teng.
O buile seo ba sena go tlhajwa podi matseba ke batho ba Ipelegeng ka go bona sengwe se se belaesegang e le lebitla. Mme Masole a re mme ba ne ba ikuela kwa go kgosi yo o ileng a kopa ba sepodise go ba tswa thuso.
Se se diragetse fa ba sena go bona koloi nngwe ya mofuta wa Toyota RUNX e kgakgamolotswe gone mo sekgweng seo. Mme Masole o kaile fa go ne ga utswiwa dikoloi di le pedi gone kwa motseng oo mme ka go bona yone koloi e ba bitsa mongwe wa ba ba utswetsweng koloi.
Lebaka e le go tla go e kanoka gore a ga se ya gagwe ka e ne e tshwana ka mmala le yone, mme a kaya fa e se yone. O buile gape gore sekgwa ga se tshephege bogolo jang sone sa Motse wa Gerald ka gore go bonagala fa dilo di senyetswa teng.
A re go belaela moo go ne ga ba dira gore ba kope ba sepodise go tla go epa ba itlhobogele gore go ka tswa go epetswe eng ka malatsi ano magodu ba fitlha dilo tse ba di utswang mo bathong mo sekgweng. Moitseanape wa tsa bogakolodi, Moloki Shubu a re dipelaelo tsa go nna jalo ba di dira go kgotsofatsa setshaba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : FRANCISTOWN
Event : Pego
Date : 22 Jun 2014