UDC e nonofile - Boko
22 Jun 2014
Moeteledipele wa phathi ya Umbrella for Democratic Change (UDC) Rre Duma Boko a re phathi ya bone e nonofetse ebile e tlhalefetse dikgwetlho tse Batswana ba nang le tsone.
Rre Boko o buile mafoko a bosheng fa a ne a supa ntlhopheng wa mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Ghanzi bokone Rre Noah Salakae. Rre Boko a re mananeo a phathi e e busang ya Botswana Democratic Party (BDP) ke a a okeletsang Batswana dikgwetlho le go ba okeletsa lehuma. A re puso e e busang ga e tokafatse seemo sa matshelo a Batswana.
Ka jalo o gwetlhile batlhophi ba kgaolo ya Ghanzi bokone go tlhopha sentle ba inaakanye le phathi ya UDC ka jaana a re yone e ikaeletse go tokafatsa matshelo a Batswana.
O tsweletse a re, bone e le ba UDC ba ikaelela go tlamela Batswana botlhe gore ba nne le seriti se se eletsegang, a re ba ikaelela le go tokafatsa thuto e nna e nang le boleng ka bodiredi jo bo eletsegang.
O ne a tswelela ka go kgothatsa batlhophi ba kgaolo ya Ghanzi bokone gore ba sale ntlhopheng wa UDC Rre Salakae morago ka jaana a tlaa diragatsa dikeletso tsa bone e le batlhophi eseng tsa gagwe.
E rile fa a baa batlhophi lefoko, Rre Gomolemo Motswaledi a gakolola batlhophi go itshepha.
A re go itshepha e le batlhophi go tlaa ba fa lesedi la go tlhopha sentle. Rre Motswaledi a re go nna le tshepho go tlaa ba dira le gore ba seka ba tsiediwa. Rre Motswaledi o tsweletse a gakolola batlhophi gore mananeo a a kwa UDC ke a Batswana eseng a phathi, ebile a re bone e le ba UDC ba emetse dikeletso tsa Batswana.
Rre Motswaledi a re Batswana ba tshelela mo kutlobotlhokong le selelo sa khuranyo ya meno, ka jaana go sena sepe sa matshelo a bone se se tokafalang. A re Batswana ba tshelela mo poifong. Mme o ne a kopa batlhophi go sala UDC morago a re UDC e eletsa gore Batswana ba berekele lefatshe la bone mme ba kgone go ja meamso ya lefatshe la bone e ba e bereketseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ketshepile More
Location : GHANZI
Event : Tshupo Ya Ntlhopheng
Date : 22 Jun 2014