Breaking News

Kgosi Letsholathebe o atla kotlhao ya ngwana

22 Jun 2014

Moemela bogosi jwa Batawana Kgosi Charles Letsholathe a re go otlhaya bana ke tsela e e tswang goo-lowe e dirisiwa go tsenya bana mo tseleng.

Kgosi Letsholathebe o boletse seo mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng, fa kgang ya boitsholo jwa bana mo dikoleng e tshwenya fela thata ka bana ba itaola e bile ba sa tseye thuto ya bone tsia.

O supile fa boitaolo jwa bana bo tsere phekelo e sele mo bangwe ba feletsang ba iphitlha mo magageng ka nako ya sekole, bangwe ba a nwa majalwa fa bangwe ba goga metsoko, selo se a rileng se feletsa se fetola go akanya le boitsholo jwa bone mo setshabeng.

Kgosi Letsholathebe o tsweletse a tlhalosa fa bontsi jwa batho ba ne ba tsaya gore ke mowa wa bosaatane o o bakang gore bana ba itshole ka mokgwa oo, mme a re,“Boitaolo jwa bana mo malwapeng bo dira gore ba felele ba tsena mo mekgweng e e sa siamang ya go tsaya ditagi tse e reng morago di kgotlele ditlhaloganyo tsa bone”

O tlhalositse fa e rile ba bona seemo seo se tsaya phekelo e sele, ba ema ka dinao ba kopa batsadi ba bana, bogogi jwa dikole, mapodise ga mmogo le setshaba ka kakaretso go tshwaraganela bana go emisa mokgwa o o mo go bone.

Kgosi Letsholathebe o supile fa ka thuso ya ba sepodise sa Botswana ga mmogo le batsadi, ba feletse ba kgona go tshwara bangwe ba bana ba ba neng ba tlhola mo magageng mme ba otlhaiwa kwa kgotleng ba bo ba busediwa kwa sekolong.

O boletse gore e sale ba otlhaya bana bao, ga ba ise ba bone tiragalo epe ya mofuta oo e diragala gape mo baneng.

Kgosi o supile fa ba kgonne gape go ikopanya le ba dikereke go ya go rapelela kwa magageng ao, go kopa Modimo gore a senyake mewa e e sa siamang e e ka tswang e le teng mo mafelong ao.

Kgosi Letsholathebe a re o kopa batsadi go tsenya letsogo mo kgodisong ya bana ba bone ka go ba kgalemela le go ba otlhaya fa ba senya go nne go dira jalo go ka ba betlela bokamoso jo bo eletsegang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keswetseng Samokunda

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 22 Jun 2014