Ba ikgapetse botshelo
22 Jun 2014
Mapodisi a Gumare a tlhotlhomisa ditiragalo tse mo go tsone makawana a le mabedi a ikgapetseng botshelo bosheng.
Inspector Tshotlego Kgobero a re lekawana la Etsha 13 le le dingwaga tse di masome mabedi le motso (21) le fitlhetswe le akgega mo setlhareng sa lelwapa le ba nnang mo go lone kwa Jorocha bosheng.
O boletse gape fa monna wa dingwaga tse di masome mararo le boraro (33), le ene a ikgapetse botshelo mo kgotleng ya Boseja kwa Qangwa, mme a tlatsa ka go supa fa ba ise ba tlhomamise se se ka tswang se bakile tiragalo eo.
A re ditlhotlhomiso tsa mapodise di sa ntse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile ditiragalo tseo, a tlhalosa fa dikgang tsa go ikgapela botshelo di tshwenya fela thata.
Rre Kgobero o ikuetse mo setshabeng go phuthologa, a tlhalosa fa batho ba sa tshwanela go ineela mo mathateng a a ba tshwenyang ba le nosi kana go a ipeela mo dipelong tsa bone, mme ba kope dithuso tsa tshidilo maikutlo mo dikerekeng, ba boitekanelo le mo setshabeng ka kakaretso.
A re ditiragalo tse di tshwenya fela thata ka di ama banana thata, ba e leng bone bokamoso jwa lefatshe leno. BOKHTULO
Source : BOPA
Author : Atomic Thaba
Location : ETSHA
Event : Pego Ya Sepodisi
Date : 22 Jun 2014