Breaking News

Maele o rotloetsa baithuti go iteka

22 Jun 2014

Batsadi ba Matlhakola mo kgaolong ya Tswapong ba supile fa e le boammaaruri ba le maoto a tshupa mo thutong ya bana ba bone mme ba solofetsa mopalamente wa bone fa ba tlaa ikitaya ka thupana go baakanya seemo seo.

Banni ba buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Mathakola le Mokungwane tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Tswapong Bokone, Rre Prince Maele, yo o tlhalositseng fa a tshwenyegile thata ka kwelotlase ya maduo a dikole tse di mo kgaolong ya gagwe.

A re dikole tse di potlana tsa Mathakola le Mokungwane ke dingwe tsa tse di sa direng sentle mo ditlhatlhobong tsa lokwalo lwa bosupa, jalo a kopa batsadi go emela thuto ya bana ba bone ka dinao.

A re batsadi bangwe ba maoto a tshupa fa ba bidiwa ke barutabana go buisana ka thuto ya bana ka jalo mokgweleo wa go ruta o felela  fela mo barutabaneng. O tlhalositse fa ngwana a sa agiwe fela ke barutabana mme batsadi le bone ba tshwanetse go nna le seabe se se bonalang.

Rre Maele a re dikole tse di potlana tsa Moeng, Gootau le Manaledi di dira bontle fela thata ntswa bana ba teng ba tshwana fela le ba tsa Mokungwane le Mathakola, jalo a kopa batsadi go tsenya letsogo go thusa go tokafatsa maduo.

Fa a itebaganya le tsa temo, Rre Maele a re nako e gorogile ya gore balemi ba tsene mo temong e e nang le dipoelo jalo o ba rotloeditse go iteka thata go dirisa methale e mesha ya temo.

A re balemi ba ka kgona go jesa lefatshe leno le go bona dipoelo fela fa ba ka tswa mo segologolong sa go gasa dipeo fa ba lema mme ba dirise methale e mesha ya temo jaaka go lema ka ditselana.

O tsweletse a re puso e dikile e utlwetse balemi botlhoko gore ba leme ba gasa mme monongwaga e tlaa thusa fela ba ba lemang ka ditselana le methale e mengwe e mesha. A re go dira jalo, ga se gore puso e ikgatholosa balemi e batla ba tlhabolola temo ya bone.

Fa ba akgela, ba Mokungwane ba tlhalositse fa kgaolo ya bone e na le tlhaelo ya digogi le didirisiwa tsa temo jalo ba re se, se tsile go ba itsa go lema. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : MATHAKOLA

Event : Phuthego Tsa Kgotla

Date : 22 Jun 2014