Breaking News

Boithaopo bo agile Botswana

22 Jun 2014

Modulasetilo wa mokgatlho wa Club ’66, Mme Mmapula Tlale o boletse fa maikaelelo a bone e le go thusa banana ba Leshibitse go  ikgapha mo ditirong tse di bosula gore ba kgone go tsaya boikarabelo ka matshelo a bone.

Mme Tlale o tlhalositse seo mo phuthegong ya kgotla ka Laboraro e mo go yone mopalamente wa kgaolo ya Kgatleng Bophirima Rre Gilbert Mangole a galaleditseng mokgatlho oo go bo o ithaopile go direla lefatshe leno.

Mme Tlale o supile fa maikaelelo a mangwe e le go aga ntlo ya dithuso ya banana e e tlaa ba kgaphang mo mebileng.

A re ntlo eo e tlaa bo e na le dilo tsotlhe tse banana ba ka di tlhokang go ithuta le go tokafatsa matshelo a bone. 

Mme Tlale o tlhalositse gore, “Re ikaeletse gore ka ngwaga wa 2016 re bo re setse re kgonne go aga ntlo ya banana le fa re santse re tsweletse ka go kwadisa mokgatlho ka fa molaong gore re kgone go kopa dithuso sentle.”

Mme Tlale a re ba simolotse ka go thusa bagodi mo motseng, bogolo jang ba ba nnang ba le nosi ka go ba etela, go ba rekela dijo le go ba tlhatswetsa.

A re ka dinako tsa dikamogelo tsa bagodi, ba reka dijonyana ba ye go ba neela ka bangwe ba bone ba sa kgone le gone go ikapeela.

 O tsweletse a tlhalosa fa mokgatlho wa bone o dirwa ke batho ba le lesome mme mongwe wa bone a ithaopile go thusa bana ba sekole se sebotlana le go ba agela ntlo ya ditso kwa sekoleng seo.

Mokgatlho oo, o biditswe Club ’66 ka jaana maloko otlhe a one a tshotswe ka nako ya boipuso e bile ba tlaa bo ba digela dingwaga tse di masome matlhano ka ngwaga wa 2016, nako e  tebelopele ya setshaba e tlaa bong e tla bokhutlong.

A re ba ikaelela go dira go le gontsi fela thata mo motseng wa bone le Botswana ka bophara, a tlatsa ka gore ba ipaakanyetsa go dira mokete  wa go ipelela dingwaga tse 55 sekole se sebotlana sa Leshibitse se ntse se le teng.

Mopalamente Mangole o iteetse mokgatlho oo legofi a bo a tlhalosa fa lefatshe leno le agilwe ka boithaopo jalo a ba rotloetsa go tswelela ba dira tiro ka natla ka le ene e le mongwe wa batho ba ba agilweng ke go ithaopa kwa mokgatlhong wa Botswana Works Camp Association.

A re boithaopo bo dira gore motho a ithute go le go ntsi le gone go nna le maikarabelo mo botshelong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : LESHIBITSE

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 22 Jun 2014