Breaking News

Ba nna ntle le teseletso

19 Jun 2014

Banni ba Gerald Estate kwa Francistown ba supile fa ba nna mo lefatsheng le ka dipalo tse di kwa godimo ntswa ba sena diteseletso. Ba buile jalo, mo phuthegong ya kgotla bosheng.

Kgosi Paul Motshwane o tlhalositse fa dikgang ka bontsi di seke di tswela mo mpepeneneng go fitlhelela mongwe a tla go kuela fa go nale molwetse kgotsa leso.

A re o tshwenngwa ke gore bangwe ba sale ba tsile mo Botswana ka 1985 mme le mo nakong eno ga ba na diteseletso tsa go nna mo lefatsheng leno.

 O tsweletse a re bontsi jwa batho bao, ba na le bana, bangwe ke bagwe fa bangwe e le dingwetsi mme fa go tshwanetse gore magadi a tswe, kgang ya boagedi e a tlhagoga mme go ketefatse merero.

Kgosi Motshwane o tlhalositse fa se se ngomolang pelo le go feta ele ba ba tlhokanang le go tsenelela lenaneo la PMTCT ka bone ba sa bone dithuso gotlhelele. 

 Kgosi Motshwane a re o ikuetse kwa molaoding ga mmogo le tona ya tsa pereko le selegae gore ba tle go tshwaraganela kgang e mmogo.

A re o isitse maina a batho ba le 44 kwa ofising ya mesepele le dipasa gammogo le ya dintsho le matsalo go tla go sekaseka gore batho bao ba ka thusiwa ka tsela e e ntseng jang. 

O tsweletse a bolela fa pitso eo ele ya bobedi ka gonne ya ntlha e ne ya seka ya atlega ka gore batho bangwe ba ne ba akanya gore baya go tshwarwa le mororo a ne a leka go ba thusa.

Mogolwane wa ofisi ya dipasa le mesepele, Rre Moitshwaredi Mothomogolo o rurifaditse fa ba tsile go thusa batho ba ba sa bolong go nna mo Botswana mme ba sena diteseletso. 

O boletse gape gore maikaelelo a bone ke go tla go kwadisa batho ba ba senang dipasa, Omang le sesupo sa boagedi gore ba bone tsela e ba ka ba thusang ka yone. 

Rre Mothomogolo a re bangwe ba ntse fela ba sena diteseletso ba ithaya ba re ke Batswana ka go bona ba ntse lebaka le le leele mo lefatsheng leno. 

O supile fa dikgang tse di tshwanang le tse di baya bana ka fa mosing bogolo jang fa go tsena mo go tsa thuto le botsogo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : FRANCISTOWN

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Jun 2014