Go ngamela lefatshe go dia ditlhabololo
19 Jun 2014
Puso e ka kgona maikaelelo a go tlhabolola metse fela fa lefatshe le le teng go dirisediwa ditiro tsa ditlhabololo.
Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Ntloelengwae, mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri o boletse fa e tlaa bo e le go tlhoka boikarabelo gore kgaolo e sokolele go tlhabologa ka ntlha ya gore batho bangwe ba ikgagapeletse lefatshe dingwagangwaga mme go sena thulaganyo epe ka lone.
Phuthego e ne e biditswe ke tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Peter Siele bosheng. Rre Matlhabaphiri, yo gape e leng mothusa tona wa ofisi ya ga tautona le bodirela puso, o ne a tlhalosa fa puso e ka seke ya kgona go tsamaisa mananeo a go tlhabolola metse fa bangwe ba kgoreletsa thulaganyo eo ka go gana ka lefatshe.
E rile a tsibogela matshwenyego a batho ba Ntloelengwae ba ba neng ba tlhobaela gore ba ka nna ba amogwa setsha sa Thari ya Banana go dirisediwa ditiro tsa ditlhabololo tsa motse ba sa rerisiwa, Rre Matlhabaphiri a tlhalosa fa e tlaa bo e le tshwanelo fa go se na lenaneo lepe ka sone.
Batho bangwe ba ba ikayang e le beng ba lekgotla la Thari ya Banana ba tshwenyegile gore ba ka nna ba amogwa setsha sa bone le ntswa ba fufuletse go se baya mo seemong se se mo go sone.
Ba re ba tshwenngwa ke gore go na le kutlwedi ya gore setsha seo se ka nna sa rebolelwa ditiro tsa ditlhabololo di tshwana le kago ya diofisi tsa mapodisi mme bone ba kgaphetswe kwa ntle mo mererong eo.
Mothusa tona a re ga go na pelaelo gore setsha seo se na le beng mme morero o tlaa dirwa le ba ba tshwanetseng ka seemo sa setsha fa nako e gorogile go ka akanya go fetolwa tiriso ya sone.
A re ere ka jaana kgaolo ya Molepolole Bokone e se na ditiro dipe tsa ditlhabololo, ke keletso ya boeteledipele jwa motse go ka dirisetsa setsha seo ditiro dingwe tsa ditlhabololo tse motse o di tlhokang mme go sa kgaphelwa ntle ba ba amegang.
Kgosana wa tetlanyo kwa kgotleng ya Ntloelengwae, Rre Leboys Mookotsane o kopile gore kgaolo eo e sekegelwe tsebe ka go tsisediwa ditirelo di akaretsa diofisi tsa sepodisi mme a kopa gore setsha sa Thari ya Banana se akanyediwe go dirisediwa kago ya ditiro tsa ditlhabololo tseo.
Kgosi wa Mokgalo, Rre Bakwena o kopile Rre Siele go tlhomamisa gore lephata la gagwe le tokafatsa mabaka a tiro ya dikgosana tsa tetlanyo gore ba kgone go adima madi kwa dibankeng le go nna le dikaratshuti.
Mafoko a ga kgosi a gateletswe ke kgosi oora Tshosa, Rre Timothy Gaealafshwe ka go kopa Tona Siele go fa dikgotla boikarabelo gore di kgone go thusanya le kgotlakgolo go fokotsa mosuke wa ditsheko.
O kopile gape ofisi ya ga tona go tlhotlhomisa ka dikgang tsa go tseela dikgotla ditempe go se na morero mme a supa fa diphetogo tseo di kgoreletsa thulaganyo ya go ntsha ditirelo ka jaana morafe o patelesega go ya kwa kgotlengkgolo nako tsotlhe fa o batla thuso e e amanang le mokwalo.
Modulasetilo wa komiti e e okametseng dikomiti tsa ditlhabololo kwa Molepolole, Mme Annah Kgosimodimo o boletse fa ba tshwenngwa ke go fiwa dipalo tse di kwa tlase tsa ditiro tsa Ipelegeng le ntswa morafe o le montsi.
O bile a ngongorega gape ka tiego ya go simolodisa lenaneo la Ipelegeng nako nngwe le nngwe morago ga kabo ya madi, a bolela fa selo seo se dia tswelelopele . Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 Jun 2014