Breaking News

Ba Thamaga ba fokwa ke phefo

19 Jun 2014

Motshwarelela mookamela mapodisi a Thamaga, Assistant Superintendent Elias Magosi a re dikgang tsa go kgothosa le dititeo tse di neng di begwa thata kwa go bone ga di sa tlhola di tsena ka bokete jaaka pele.

Dikgang tse di ne di amanngwa le segopa sa makawana mangwe kwa motseng oo wa Thamaga, se se neng se tsamaya se keteka batho le go ba tseela ditsabone.

Mo potsolotsong, Kgosi Gobuamang Gobuamang o tlhalositse fa seemo se batlile go tswa mo taolong kwa motseng wa gagwe ka jaana banni ba ne ba tshelela mo letshogong, ntateng ya setlhopha seo se se ipitsang ‘matsetsenkane’.

O tlhalositse fa e le ba bogosi, sepodise le morafe ba ne ba tshwaragana go kgalema. A re ba ne ba bitsa diphuthego tsa kgotla go buisanya ka tharabololo ya mathata a, mme ba ne ba tsaya tshwetso ya gore moretlwa o lele.

Kgosi Gobuamang a re e re le ntswa go sa ntse go na le menahune ya gore go ka tswa go na le masalela a segopa seo, le ene fela jalo o rurifatsa fa dikgang di sa tlhole di begwa ka bokete jaaka pele.

O tlhalositse fa kgalemo ya thupa ba e leba e le botlhokwa ka jaana makawana ao a ise a fatlhoge, a tlatsa ka gore go ba atlholela kgolegelo go ka ba senyetsa bokamoso.

Kgosi a re go a tshwenya ka fa banana ba tlhokang tsebe ka teng, a tlatsa ka go tlhalosa fa go ka tswa go gakadiwa ke batsadi ba ba ganelang fa bana ba bone ba bonwe molato.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Kgosi Gobuamang a re mo ngwageng ono wa temo ba amogetse dikgang di le dintsi tsa tshenyo ya majo a dikgomo. A re le fa go ntse jalo ba dirisana le ba ofisi ya molemisi go leka go rarabolola dikgang tseo ka ke bone ba nang le boitseanape jwa go kala ditshenyegelo.

A re o tlaa rulaganya le morafe gore go nne le phuthego e ba tlaa bayang seelo sa dikatlholo go itsa gore bangwe ba felele ba gweba ka ba bangwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lebogang Baingapi

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 19 Jun 2014