Mo-na-le bogole o a ikgaratlhela
19 Jun 2014
Monana wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi wa Kisa kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa o boletse fa go nna le bogole go sa mo itse go itshedisa.
Monana yo o dirileng mophato wa boraro o nnile lesego go nna mongwe wa ba ba akotseng lenaneo la nyeletso lehuma ngogola. A re o lebogela puso ka le bone e ba tsaya tsia. O supile fa puso e tshwere ka natla go lwantsha lehuma le go thusa ba ba dikobo dikhutshwane.
Rre Thebe Thebeyapelo o tlhalositse fa a kgaogile letsogo la moja morago ga go amega mo kotsing ya tsela ka 2004. A re morago o ne a nna le bothata jwa dilo di le dintsi, nngwe ya tsone e le go kwala ka e bile a ne a dirisa letsogo leo go kwala.
O supile fa a ne a seka a nna fela mme a ithuta go dirisa letsogo le lengwe ka motho o ka se dire sepe a sa itse go kwala. O kaile fa morago ga kotsi a ne a fiwa madi ke ba MVA mme a ikagela ntlo a bo a e hirisa gore a itshetse le go mo thusa mo go tsa bongaka.
O tlhalositse fa mo nakong eno a kgona go dira sengwe le sengwe se se ka dirwang ke motho a na le matsogo a mabedi. A re o kgona go dira lesaka, go rema matlhaku, go apaya le gone go gama tota.
O tsweletse ka go tlhalosa fa puso e ne ya mo isa sekoleng kwa Tlokweng Rehabilitation Centre ka 2009 go ya go ithuta go lema merogo, mme a seka a atlega ka mmu wa Kgalagadi o sa siamela temo. A re o neetswe dipudi di le some, tse di namagadi di le borobabongwe le phoko e le nngwe.
O tlhalositse fa di atile le fa leuba la ngogola le mo amile fela thata ka a latlhegetswe ke dipudi di le nne le potsane. Rre Thebeyapelo a re ka leruo le dira sentle mo kgaolong ya Kgalagadi, o solofela fa a tlaa fitlhelela ditoro tsa gagwe. O kaile fa maikaelelo a gagwe e le go oketsa dinku tseo ka di le bogadi bo gaufi e bile di dira botoka mo mafelong a a sekaka e bile a na le dithaba.
A re leruo le batla tlhokomelo e ntsi ka e bile dibatana di dintsi mo kgaolong ya bone. O tsweletse a re le ene fela jaaka bontsi o lebanwe ke kgwetlho ya metsi mme a tlhalosa fa se, se sa mo nyemise moko ka a rata thuo ya dihutshane fela thata.
A re kgwetlho e nngwe ke gore ga gona mmaraka wa dihutshane kwa go bone ka jalo ba rekisetsa boradibutshara mme dituelo di tla morago ga lobaka. Rre Thebeyapelo a re o kopa puso gore e ba ise dithutong tsa leruo gore ba oketse kitso e ba nang le yone.
O kaile fa mo nakong eno madinyana a a a bonang a a kgobokanyetsa go reka letsogo la maitirelo gore a kgone go dira tiro ya gagwe ka manontlhotlho. O rotloeditse ba-na-le-bogole jaaka ene gore ba se nne fela ba lebeletse mo pusong, a re ba inaakanye le mananeo a puso ka e otlolotse letsogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshwanelo Feledi
Location : TSABONG
Event : Profile
Date : 19 Jun 2014