Bogodu jwa lefatshe bo bifile kwa Palapye
19 Jun 2014
Lephata la kabo ditsha la ga Mmangwato le tshwentswe ke go golela pele ga manweenwee a a ipitsang ka maina a dirisa megala e e seng ya boammaaruri go tsietsa le go amoga Batswana lefatshe ka go ipaya ba ba ba thusang go ba batlisa ditsha.
Fa a buisa phuthego ya bobega dikgang ka Laboraro, mokwaledi mogolo wa lekgotla leo, Rre Nicson Mogapi a re ba lemogile fa manweenwee ao a kopa gore batho gore ba tsenye madi ka lenaneo la maranyane a segompieno a tiriso ya megala ya letheka mme e re morago ba latlhe dinomore tse go rometsweng madi mo go tsone.
Rre Mogapi o tsibositse Batswana ka tsamaiso ya kabo ya lefatshe la morafe, a tlhalosa fa bone e le ba kabo ditsha ba dira dikitsiso ka ditsha tse di leng teng le gore di ka ikopelwa jang mo dipampiring tsa dikgang.
A re fa ba dira jalo, ba ba eletsang go ikopela ditsha ba fiwa sebaka go reka dipampiri tsa ikopelo, tse ba ka di bonang fela kwa diofising tsa bone segolo jang tsa ikopelo mafelo a a tshwanang le dipolase, mme a supa gape gore mo nakong eno ga gona dipe dipolase tse di teng.
Rre Mogapi o tsweletse a tlhagisa setshaba go tlogela go jewa ntsoma ke batho ba ba ipayang gore ke maloko a lekgotla la kabo ditsha, ka seo se tlaa ba digela ka lemena gape ba tlaa jelwa madi fa ba sa ikele tlhoko.
A re fa go ka diragala, setshaba se tshwanetse sa itsise mapodise a a gaufi kana ba tsena mo diofising tsa lekgotla la kabo ditsha go ikuela.
Rre Mogapi o boletse fa mo ngwageng ono wa madi ba ya go kwadisa ditsha tsotlhe go di tsenya mo boranyaneng ja segompieno, a supa fa ba setse ba simolotse kwa Palapye, Mahalapye le Serowe mme fa ba wetsa ba tlaa anamela kwa mafelong a mangwe.
O rile tsamaiso e ya kwadiso ya ditsha e ya go dirwa lefatshe leno lotlhe gore makgotla a kabo ditsha le puso ba nne le kitso ka tiriso ya lefatshe le gone go bona gore a mme le dirisediwa se le se kopetsweng, a tlatsa ka gore seo se ya go ba thusa go dira tiro ya bone ka tolamo ka ba ya go itse le go bona sengwe le sengwe ka lefatshe le ba le abileng le gone go tokafatsa boleng ja ditirelo tse ba di neelang setshaba.
Rre Mogapi o boletse gape fa go tlaa tsenngwa mo tirisong lenaneo le lesha la kwadiso ya ditsha, mo a rileng go supile fa mo metseng e meraro e ba simolotseng ka yone, batho ba ka tshwara 31 250 kwa Mahalapye ba na le tshwanelo ya go kopa ditsha, mme mo palong eo, ditsha di le 6 635 di setse di sekasekilwe fa di le 777 di tlhomamisitswe gore di teng mme di ise di sekasekiwe, mme tse 2813 tsone di kwadisitswe.
Mo Palapye go sekasekilwe di le 12 260, ga kwadisiwa di le 3 927, fa kwa Serowe go sekasekile di le 18 658 mme tse 1 907 di tlhomamisitswe, fa di le 7 460 di kwadisitswe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya babegadikgang
Date : 19 Jun 2014