Breaking News

Tautona o thusa ka go bo a kgathala

19 Jun 2014

Tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Peter Siele o kgadile dipuo tsa batho ba ba kgatlhanong le thulaganyo ya ga Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama ya go thusa bagodi.

E rile a bua mo diphuthegong tsa kgotla kwa Ntlolengwae le Mokgalong kwa Molepolole bosheng, Tona Siele a tlhalosa fa maitlamo a ga Tautona a go tshwenyega ka seemo sa batho ba ba itlhaelang le bagodi e se go ithatisa batho jaaka bangwe ba bua mme a diragatsa maitlamo a lekgotla la ditshaba a phuthego ya 2002 kwa toropong ya Madrid kwa Spain, a a neng a tlama mebuso go nna le ditlamelo tsa go tlhokomela bagodi.

A re e re le ntswa Tautona Khama a dira jalo ka ntlha ya go tlamiwa ke tumalano eo, o ikaegile gape ka go nna moeteledipele yo o nang le mowa wa bopelotlhomogi e bile a kgathala ka seemo sa matshelo a batho ba a ba eteletseng pele, ka jalo ga go gakgamatse gore a bo a tsweletse ka ditiro tsa bopelotlhomogi tse di supegang le ka go fitlhelela batho mo malwapeng a bone.

Tona Siele o tlhalositse gore, “ga go gakgamatse gore moeteledipele wa lefatshe a bo a na le dithulaganyo tse di faphegileng tsa go tlhokomela batho ba gagwe ka jaana ele sekao sa gore o kgathalela tshaba e a e eteletseng pele.”,

Tona Siele o tsweletse a lekodisa Bakwena ka molao wa tlhokomelo ya bana o o gatelelang gore motsadi mongwe le mongwe a tlhomamise kgodiso e e tlhomameng ya ngwana.

A re kgodiso ya ngwana e botlhokwa fela thata ka jaana tsela e a godisitsweng ka yone e supa se botsadi eleng sone. Rre Siele o kopile ofisi ya ga molaodi le moeteledipele wa khansele gore ba tswe ka maano a go betla methale ya ka fa lenaneo la Ipelegeng le ka dirwang botoka ka teng go dira ditiro tsa sennelaruri.

O tsweletse a lekodisa batho ba dikgotla tsa Ntlolengwae le Mokgalong fa puso e ise e kgone go fitlhelela ditsholofetso tsa bone ka go diragatsa ditiro tsa ditlhabololo tse di neng di akanyeditswe mo mafelong mangwe a motse wa Molepolole, a bolela fa ele sone se bontsi jwa ditiro tsa ditlhabololo tse di neng di le mo lenaneong di buseditswe morago gonne  seemo sa itsholelo se fetogile.

Mo diphuthegong tsa gagwe Tona Siele o laetse bodiredi jwa lephata la boipelego go emisa pele thulaganyo ya go seka-seka batlhoki esere kgotsa ga kgobera batho maikutlo pele go iwa kwa ditlhophong ka jaana ele thulaganyo e e ka sekang ya itumedisa botlhe.

Mabapi le thulaganyo ya go abiwa ga diradio tsa bagodi, o laetse badiri ba lephata la boipelego go tlhomamisa gore ga ba di abele  ba masika fa yo a neng a na le tshwanelo a tlhokafetse, a supa gore motho o ka e ja boswa fela fa motsadi a tlhokafala a setse a e amogetse.

Tona o gateletse fa mapodisi ba tshwanela go gagamatsa setoropo mo go tlhomamiseng gore thekiso ya majalwa a setswana e dirwa ka tshwanelo ka ntlha ya gore bontsi jwa bana bo senyegetswe ke bokamoso ke go sa tlhoafaleleng kgalemo ya seemo seo, jalo a tlhalosa fa jaanong ele maitlamo a puso go tlhoafalele go betla bokamoso jwa bana.

Mothusa tona mo ofising ya ga tautona e bile ele mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Gaotlhaetse  Matlhabaphiri o kopile tona go tsibogela seemo sa go atswiwa ga baeteledipele ba dikgotlana dingwe tsa motse wa Molepolole tse di ithaopileng ka lobaka.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Jun 2014