Sejo sennye ga se fete molomo
19 Jun 2014
Mopalamente wa Shoshong, Rre Phillip Makgalemele o akgoletse banni ba motse wa Otse go lebogela ditlamelo tse mmuso o di dirileng kwa motseng wa bone di tshwana le kgokelo ya motlakase kwa sekoleng se sebotlana, kokelwana le mo diofising tsa kgotla.
Rre Makgalemele o dirile kakgolo e mo phuthegong e a neng a e buisa go lekodisa banni ba motse oo ka melao e e dumalanweng ke palamente gammogo le kgaoganyo ya madi a setshaba ya ngwaga wa 2014/15.
A re tlhaelo ya madi e e bakilweng ke go phutlhama ga itsholelo ya mafatshe, ke yone e dirileng gore puso e tseye tshwetso ya go seegela fa thoko ditiro dingwe tse di neng di tshwanetse go dirwa mo lenaneong la ditogamaano tsa ditlhabololo tsa setshaba tsa bolesome (NDP10).
Rre Makgalemele o rile, e re ntswa puso e tlhaelelwa ke madi, gone Batswana ba tshwanetse go ipelafatsa ka ditlhabololo tse di dirwang mo metseng ya bone di tshwana le kgokelo ya ditlhaeletsano mo maphateng a puso, kgokelo ya motlakase le mananeo a a itebagantseng le go tokafatsa matshelo a Batswana jaaka la Ipelegeng, nyeletso lehuma le la ISPAAD.
E rile a itebaganya le dikgang tsa tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso le ya dikoloi, a bolela fa puso e dumelane le mogopolo wa go letlelela maphata go isa dikoloi tsa bone kwa madirelong a a ikemetseng go ya go baakanngwa e bile a bolela fa Batswana ba letleletswe go aga matlo a a ka hirisediwang badirelapuso.
Rre Makgalemele o boleletse batlhophi ba kgaolo ya gagwe gore ere ka seemo sa itsholelo se tokafala ka bonya, palamente e bone go tlhokafala gore go okediwe madi a a neng a abelwa maphata mo ngwageng wa madi wa 2014/15 le go tsweledisa lenaneo la ISPAAD gore Batswana ba kgone go lema dijo tse ba ka itshetsang ka tsone gammogo le la Ipelegeng le a tlhalositseng fa le thapile Batswana ba le bantsi.
E rile modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Kgolagano Maakelo a lekodisa mopalamente ka ditiro tsa motse wa bone , a bolela fa ba lebogela ditlhabololo tse di dirilweng mo motseng, le fa go ntse jalo a tlhalosa gore le ntswa ba itumelela ditiro tsa go nna jalo ba kgojwa marapo ke tiego ya go thusiwa ga batho ba ba mo lenaneong la nyeletso lehuma, tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso le go tlhoka go jesa dikgomo tsa kgaolo eo Omang ga badiri ba lephata la matlhoko a leruo.
O kopile puso go ba okeletsa mapodise, go atolosa kokelwana ya bone le go thusa mapodise le baoki ka dikoloi tse ba ka di dirisang go isa balwetse Mahalapye le go lwantsha borukutlhi jo bo apesitseng kgaolo eo kobo ka letshoba.
Mme Maakelo o tsweletse a ngongorega ka tlhaelo ya metsi, go senyega ga terata ya thibelo malwetse a leruo kwa Dibete e e kgaoganyang kgaolo ya Legare le Kweneng le bana ba tirelo setshaba ba go bolelwang ba latela dituelo tsa bone kwa Mahalapye.
Mogokgo wa sekole sa motse oo Rre Tautsagae Tautsagae o boleletse mopalamente fa lephata la thuto le tsweletse ka go aga matlo a boroko jwa barutabana a le lesome le borataro, matlwana a boitiketso a le lesome le borataro le matlo a borutelo a le mane. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : OTSE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 Jun 2014