Breaking News

Lephata le dumetse go aga kamore

18 Jun 2014

Makhanselara  a  kgaolo  potlana  ya Tutume  a  boleletswe  fa lephata  la  botsogo le  tlaa aga  ntlo  ya  borobalo  ya  balwetse  go  araba  selelo  sa  batho  ba  kgaolo  potlana  eo.

Seo,  se  builwe  ke  mothusa mokwaledi  mogolo wa  khansele  potlana, Rre  Lawrence  Mazinyane  fa  a araba  tshutiso ya mokhanselara wa Tutume  Legare, Rre  Moseki  Mathodi  yo  o  neng a  boditse gore ke eng go sa  agiwe  kamore  e  e  tlaa  thusang  go  fokotsa   mosuke kwa  matlong  a  borobalo  a  balwetse  kwa  kokelong eo.

Rre  Mazinyane  o  tlhalositse  fa  ba botsogo ba  ikaeletse go  aga  kamore  eo morago  ga  go  lemoga  fa  go  aga  kokelo  go  ka  tsaya  nako  e  ntsi  mme  balwetse  bone  ba   sokola.

Mokhanselara  Mathodi o supile  fa  ba sa bolo go lela ka borobalo jwa balwetse mme  go se  nko  e e tswang  lemina, a  re  tota  seemo  sa  kokelo  eo   ga  se  ba  jese  di  welang gotlhelele, jalo o  kopile  gore  ba  botsogo  ba  se potlakele.

Mokhanselara  wa  Tshwaane/Malelejwa, Rre  Richard  Sikwane  o kopile  khansele  go  aga motshelakgabo mo  tseleng  ya  Sowa/Tshwaane, a tlhalosa gore  ka nako ya dipula  batho  ba  kgaolo eo ba  a sokola ka bangwe ga ba tseye kalafi  ka  ditlamelo  ka bontsi  di le kwa  moseja wa motse wa bone.

Rre  Sikwane a  re  seemo  seo  se  tshwenya  thata  gonne ka nako  ya  merwalela,  batho  ba  felela ba thusiwa  ka  sefofane  sa  tlhootomo. Fa a fa  bogakolodi, Rre  Mazinyane o   boletse  fa  ba itse ka matshwenyego a  Tshwaane/Malelejwa, ka jalo khansele ya  toropo ya Sowa  e  ikaeletse  go  aga  motshelakgabo  mo  nokeng  ya  Mosetsetshwaane  go  thusa batho  ba  kgaolwana eo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi

Location : TUTUME

Event : Phuthego Ya Khansele

Date : 18 Jun 2014