Ba Malolwane ba lebogela Tirelo Setshaba
18 Jun 2014
Banni ba Malolwane mo kgaolong ya Kgatleng Botlhaba ba lebogile puso go bo e ne ya simolodisa lenaneo la Tirelo Setshaba.
E rile a fa pego ya komoti ya ditlhabololo tsa motse, mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Isaac Mabiletsa kwa motseng oo ka Labobedi, Rre Mothusi Fikeng, yo e leng modulasetilo wa komiti eo, o tlhalositse fa ba filwe bana ba Tirelo Setshaba ba le lesome le bone ba a tlhalositseng fa ba thusa mo diofising tse di farologaneng mo motseng wa bone.
Le fa go ntse jalo, a re ba sa le jaaka ba kopa go tsenyetswa motlakase kwa ntlolohalahala ya motse, a supa fa e le yone e e ka ba tsenyetsang madi.
O ne gape a supa fa ba na le kgwetlho fa motlakase o timile kwa kokelwaneng ya bone mme a kopa mopalamente go ba kopela kwa go ba ba lebaneng go ba fa sefetlha motlakase sa lookwane, a tlhalosa ka bodiphatsa jwa go tlhoka motlakase mo matshelong a balwetse.
E rile go amogela baeng, Kgosi Esron Bogatsu a supa matshwenyego ka morafe o o neng o sa iponatsa ka bontsi mo phuthegong eo, a tlatsa ka gore morafe o iponatsa mo kgotleng fela ka nako ya kamogelo ya madi ya ba ipelegeng. Mo go tse dingwe Kgosi Bogatsu o ne supa fa go sena mokwaledi mo kgotleng, a tlhalosa fa ele sebaka a ntse a ikuetse mo go mokwaledi-mogolo wa makgotla a Setswana mme nako kgolo ke eno.
Kgosi o ne a bolela fa bas a kgone go bereka sentle le gone go tsamaisa ditiro tsa lekgotla ka bofefo jo bo tlhokegang ka tota koloi ya bone e sale jaaka e isiwa kwa CTO (lephata la puso le le baakanyang dikoloi tsa puso) ngwaga o fetileng, le jaana ga ise e goroge.
O ne a kopa mopalamente go latedisa gore madiadia a ka tswa a bakilwe ke eng, a tlatsa ka gore se se ba berekisetsa ka fa mosing.
Fa a tsibogela matshwenyego a ga kgosi, Mopalamente Mabiletsa o ne a supa fa kgang ya mokwaledi wa kgotla e mo tshwentshe fela thata, a supa fa a kile a ikopanya le mokwaledi wa makgotla a Setswana ka kgang eo.
Le fa go ntse jalo, a re o tla latedisa kgang ya teng gape, a tlatsa ka gore fa go sena mokwaledi mo kgotleng tiro ga e tsamae sentle.
Mopalamente o ne a lekodisa morafe fa palamente e tla bulwa kgwedi e e tlang e tlhola gane mme e tla tswalwa ka kgwedi ya phatwe go neela bao ba ba emetseng ditlhopho go ipapatsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 18 Jun 2014