Breaking News

Ba batla go nna bommampudi

18 Jun 2014

Setlhopha sa Mahalapye Cultural Art se se thamilweng ngogola se boletse fa maikaelelo a bone ele go gapa sekgele mo mminong wa phathisi kwa dikgaisanong tsa ga tautona tse di tla tshwarelwang kwa Gaborone ka kgwedi ya Phukwi.

Moananisa mafoko wa setlhopha seo, Rre Diane Mosogo a re ere ka ba kgonne go gapa sekgele sa ntlha mo dikgaisanong tsa kgaolo ya Legare, tse di neng di tshwaretswe kwa Francistown kgwedi e fetileng, o solofela fa ba tla tswelela ka go dira bontle jo bo kalo mme ba gape sekgele seo.

Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la Bopa, Rre Mosogo o boletse fa setlhopha seo sene sa gapa sekgele sa ntlha ngogola mo dikgaisanong tsa kgaolo ya botlhophi ya Mahalapye Bophirima tsa boipuso. 

A re le fa setlhopha sa Mahalapye Cultural Art sele magorogo masa mo mminong wa phathisi, o itumidisiwa ke gore banana ba eleng maloko mo setlhopheng seo ba tshwere ka natla go itlhokoletsa dikgaisano tsa malatsi aga tautona e bile a bolela fa go rena kagiso fa gare ga bone le baeteledipele ba setlhopha.

O boletse gape gore fa mokgatlho wa bone o ka atlega kwa dikgaisanong tseo, ba ikaelela go dira sengwe se se ka thusang setlhopha sa bone go gola. 

Mo nako ya gompieno setlhopha seo se sa ntse se ikatisetsa mo kgotleng ya Konyana gone mo Mahalapye. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ofentse Lemogang

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 18 Jun 2014