Breaking News

Dithulaganyo tsa madi di dia paakanyo ya dikoloi

18 Jun 2014

Tona wa dipalamo le ditlhaelatsanyo, Rre Nonofo Molefhi a re maphata mangwe a puso a ikitshitse mo goreng ba baakanyediwe dikoloi ke lephata la CTO ka ba re le diega go di baakanya mme ba lebala go rulaganya ka tsa madi mo jaanong go ba beileng ka fa mosing.

Fa a bua mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa mo metseng eo beke eno, Tona Molefhi a re maphata ba dirile phoso e tona thata mo jaanong dikoloi tsa bone ka bontsi di emeng fela di sa baakanngwe, e bile di sa dirisiwe gope ka jalo go paledisa bodiredi go dira ka  manontlhotlho go thusa setshaba.

Banni ba Werda le Tsabong ba ne ba ngongorega ba re ba ne ba akanya fa CTO e ithotse ditiro ka gore dikokelo, sepodisi le maphatha a mangwe ga a na dikoloi tse ba di dirisang mme Batswana ba sokola fela thata ka go isetswa ditirelo.

Tona Molefhi o boletse fa maphata ba ne ba nyatsa CTO ba bolela fa e sa kgone e bile ba batla gore ba ikisetse dikoloi kwa mabaakanyetsong a a ikemetseng ka nosi ka gore a botoka a dira ka natla e bile a bofefo, mme ba lebala go rulaganya ka tsa madi. 

Le fa go ntse jalo, tona o boletse fa dipuisano le ba lephata la madi le maphata a mangwe di tsweletse gore go himiwe seemo se se teng go tswelela, ka gore jaanong se tswa mo taolong, ba akanya gore maphata a thusiwe le mororo ba sena madi. 

O boletse fa kgwedi eno e ya fifing sengwe se tla bo se dirilwe.

Mo go tse dingwe, Tona Molefhi o boletse fa ba tsile go gagamatsa melao ya go tlhoka go obamela matshwao a tsela, a tlhalosa fa go tsile go nna le motshine o o tla bong o nkgisiwa dikoloi gore ga di ntshe mosi oo leswafatsang loapi e bile o koafatsa batho.

O boletse fa go tla tshwarwa ba dikoloi tsa bone di ntseng jalo mme ba laolelwe gore ba di baakanye ka potlako. A re dipula ga di sa tlhole di gosomana ka tlwaelo ka ntata ya kotlelesego ya loapi.

Tona Molefhi o boletse fa go tla a nna le molao o o  tlamang  dipalamo tsa setshaba tsotlhe go nna le matlwana a boitiketso mo go tsone,  e bile go tla bo  go sa letlelelwe go nna le batho ba ba emang ka dinao mo dibeseng. 

O tsweletse a bolela fa go tla tseelwa diteseletso bora ditaxi le dicombi bangwe ba ba sa iseng bapalami kwa malwapeng a bone jaaka go tshwanetse ga dirwa. 

Rre Molefhi o tlhalositse fa tsela ya Kokotsha/Tsabong e tla tlhabololwa ngwaga o o tlang wa madi  mme mo nakong eno go tla a thibiwa diphatlha fela ka puso e santse  e tlhaelelwa ke madi. 

O boletse fa bontsi ja ditsela mo lefatsheng leno bo sentswe ke dipula ka jalo di batla go baakanngwe.

Tona Molefhi o ba boleletse fa maranyane a masha a internet a tla tsena mo lefatsheng leno gore ditirelo di nne bofefo, go sena mo gotweng system e kwa tlase. 

A re go tla epelwa mogala o motona wa ditlhaelatsano go tswa Namibia o feta ka Sekoma mme mogala mongwe o tla faposiwa kwa Sekoma go ya Tsabong.

Kwa Tsabong gone , mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre John Toto o ngongoregile ka ditsela tsa bone fela thata, o supile fa lebala la difofane la koo le tshwanetse la tlhabololwa go nna mo seemong se badirela puso le bajanala ba ka le dirisang go fokotsa ditshenyegelo tse di dirwang ke dikoloi.

O kopile gore banni bangwe mo tseleng ya Tsabong/Bokspits ba ba thubetsweng fa go dirwa tsela eo, ba atswiwe ka sengwe, a tlatsa ka gore bangwe matlo a bone a ranyegile fa bangwe metsi a olagana ka matlo.

Rre Toto o boletse fa diposo di emeditswe ditiro mo go dirang gore bagodi ba tlhole mo meleng ba letetse go thusiwa, jalo a kopa gore ba thusiwe ka bodiredi. BOKHUTLO.

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Jun 2014