Kablay o tlhalosa molao wa matimela
18 Jun 2014
Mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng Botlhaba, Rre Liakat Kablay a re matimela a tla simolola go bewa sebaka sa kgwedi tse tharo go tswa mo go tse di tlwaelesegileng tse thataro.
Rre Kablay o boletse se mo phuthegong e a neng a e tshwaretse kwa motseng wa Monwane ka Mosupologo, Seetebogigo a tlhola malatsi a le lesome le borataro gore fa matimela a feta sebaka sa kgwedi tse tharo a tla rekisiwa.
O boletse fa phetogo e, e tla morago ga gore ba lephata la temo thuo ba lemoge fa ba dirisa madi a mantsi go duela metsi, dijo tsa matimela gammogo le modisa. Mopalamente o boletse gape gore barui ba tlogela masimo a bone go ya magaeng le ditoropo mme se se baka gore leruo la bone le tlaletlale le motse jalo le senye mo masimong.
O tsweletse ka gore lephata la temo thuo le abetswe madi a go reka diterekere tse di tla lemelang balemi.
Mo go tse dingwe, molemisi wa kgaolo, Mme Sekgabo David o boletse fa ditshupo tsa monongwaga tsa Letlhakeng di tla nna kgwedi eno e tlhola malatsi ale masome mabedi le borobabobedi.
O itsisitse banni ba Monwane gore go gorogile motshine o tlhaolang dinawa tse di nang le tshupa le leswe mme o kwa Pandamatenga le Gaborone West.
Mme David o tlhalositse fa marketing board e reka dinawa tsa tlhwatlhwa e e kwa godimo ka P700 fa tsa e e kwa tlase ele P490.
Monni wa Monwane, Rre Diphera Tlolane o ikuetse mo go mopalamente gore dipeo le manyoro a a neelwang balemi di tsisiwe mo kgaolong ya bone nako e sa le teng gore ba leme go santse go nale nako. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Motlalepula Masuga
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 18 Jun 2014