Kgosi ya Monwane e a kgalema
18 Jun 2014
Kgosi wa Monwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Letlamoreng Masono a re morafe wa gagwe ga ona tlotlo mo bogolwaneng jwa motse.
Fa a bua mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng Botlhaba, Rre Liakat Kablay, kgosi o tlhalositse fa banni ba motse ba palelwa ke go tla diphuthegong ka dipalo tse di nametsang, a tlatsa ka gore go supa fa ba a nwa bojalwa phetelela e bile ba leletsa diwelese kwa godimo mo gare ga masigo.
Rre Masono o boletse fa barui ba tlogela leruo la bone ba sa le tlhatlhela mme le senye mo masimong. Mo godimo ga moo, a re o tshwentswe ke thuto ya bana e e welang tlase gammogo le borukutlhi jo bo ileng magoletsa mo motseng wa gagwe. Kgosi o tsweletse a tlhalosa fa ditlhabololo di saletse morago fela thata.
Fa a tsibogela mafoko a kgosi, Mopalamente Kablay o tlhalositse fa kgosi a tshwanetse go gagamatsa molao mo motseng gonne dikgosi le dikgosana di filwe marapo ao. O boletse fa barui ba ba sa tlhokomeleng leruo la bone ba tshwanetse go atlholwa.
Mopalamente a re thuto ya bana ba kgaolo ya Letlhakeng e wetse tlase fela thata ntswa puso e ntsha madi a mantsi mo mohameng wa thuto. O gakolotse banni go tshwaraganele thuto ya bana le barutabana go ntsha maduo a a botoka.
O tlhalositse fa go simolola kgwedi ya Seetebosigo puso e tla simolola go baakanya tsela ya Monwane.
Go sa le jalo, Rre Kablay o boleletse batsena phuthego gore e tla a re go simolola monogwaga dikgosi le dikgosana ba tla duelwa go ya ka fa ba dirang tiro ya bone ka teng. A re dikgosi le dikgosana ba tla isiwa kwa Ramatea go rutuntshiwa ka go etelela morafe pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Motlalepula Masuga
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 18 Jun 2014