Tshireletso o itshetsa ka tshipi le senke
18 Jun 2014
Ke boammaaruri gore metlhala ya khumo e mentsi. Rre Lentsenye Tshireletso o ka rurifatsa seo, mme ene o itlhophetse go latela metlhala ya khumo ka go dira ka tshipi le senke go tshetsa ba lelwapa la gagwe.
Rre Tshireletso wa dingwaga tse di masome a matlhano le boraro wa kgotla ya Mathuba kwa Machaneng, o boletse mo potsolotsong gore botsala jwa gagwe le go bereka ka tshipi le senke bo sale bo simologile ka 2007 go fitlha mo nakong eno.
Ka gotwe dilo makwati di kwatabololwa mo go ba bangwe, Rre Tshireletso a re ga a tswele tiro ya go nosetsa tshipi le senke sekoleng mme o e anywile fela mo mongweng wa ga gabo.
O kaile fa a itebagantse le go dira didirisiwa di tshwana le dikotsekara, ditshipi tse di dirisiwang go tshwaa leruo, mabati le diheke tsa senke, meriti e e dirisiwang kwa mabitleng gammogo le matshego.
A re, ere le ntswa a ise a nne le botsipa jwa go dira didirisiwa tse dingwe jaaka dikiriba le dipitsa, o kgona go di baakanya fa di senyegile. Rre Tshireletso o boletse fa kgwebo ya gagwe e sa mo ngongoregise ka ene le ba lelwapa la gagwe ba seke ba lala ka tlala, a tlatsa ka gore le bana ba gagwe o ba tsenya sekole ka bontlha bongwe jwa madi a a a dirang. O supile fa a itshimololetse kgwebo e ka bonyennyane jo bo neng bo tswa mo pateng ya gagwe, mme a re o eletsa go bona kgwebo ya gagwe e godile.
Rre Tshireletso a re, " Maikaelelo ke go bona kgwebo yame e godile e bile ke kgona go thapa ba bangwe gore ke fokotse letlhoko la ditiro,"
A re o ikaelela gape go e atolosa mme e bile a kaya fa a setse a e bonetse setsha e bile a na le mogopolo wa go itshwaraganya le ba ba maleba gore a kgone go ikopela madi ka lengwe la mananeo a puso gore a tle a fitlhelele ditoro tsa gagwe.
Rre Tshireletso a re boineelo, lorato, botlhaga ga mmogo le tlotlo mo bareking ke boitsholo jo bo botlhokwa thata mo kgwebong. O gwetlhile ba ba santseng ba saletse kwa morago go itsosa ka gotwe mokoduwe go tsoswa o o itekang, a re setshaba se tshwanetse sa ema ka dinao go thusa puso go lwantsha lehuma.
Fela jaaka dikgwebo tse dingwe, Rre Tshireletso a re ya gagwe le yone e lebanwe ke mathata a akaretsang bokgakala jwa kwa a rekang didirisiwa teng le go tlhoka go duelwa sentle ke bangwe ba ba tsayang dithoto tse a di dirang ka sekoloto. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : LERALA
Event : Potsolotso
Date : 18 Jun 2014