Bogodu jwa leruo bo busetsa kwa morago
18 Jun 2014
Le fa puso e leka ka bojotlhe go namola batho mo lehumeng ka go ba abela dithuso ka mananeo a a farologaneng, go lebega fa bogodu jwa leruo bo tla busetsa maiteko ao kwa morago.
Mo potsolotsong bosheng, Mme Nkitseng Kgokilwe wa Draaihoek yo eleng mongwe wa ba ba abetsweng leruo ka lenaneo la nyeletso lehuma, o supile fa puso e ne e mo thusitse ka dinku di le lesome mme mo nakong eno go setse di le thataro fela.
Mme Kgokilwe a re botshelo jwa gagwe bo fetogile go menagane e sale a amogela thuso go tswa mo pusong. O kaile fa jaanong a nna ka letshogo gore gongwe o tla iphitlhela a boetse mo lehumeng la pele ka dinku tsa gagwe di nyelela ka monokela.
Le fa go ntse jalo, mothusa mookamela mapodisi a Tsabong, Assistant Superintendent Keagetswe Lorato o tlhalositse fa bogodu jwa leruo mo ngwageng ono bo fokotsegile ka ba gatisitse dikgetsi di le supa fela go simologa ka kgwedi ya Herikgong go fitlhelela mo nakong eno.
Assistant Superintendent Lorato o kaile fa ba kgonne go lwantsha bogodu mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ka go bopa ditlhopha tsa balemi barui le mapodisi gammogo le ya twantsho borukutlhi go itepatepanya le jone.
Rre Lorato o supile gape gore bontsi jwa magodu a a neng a tlhorontsha barui ka go ba utswela leruo ba ne ba ya kgolegelong morago ga go bonwa molato kwa kgotla tshekelo, mme o tsweletse a kopa barui go tlhomamisa gore ba tlhokomela leruo la bone ka go le disa sentle ka fa tshwanelong ka nako tsotlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keiketlile Kelefhile
Location : GHANZI
Event : Potsolotso
Date : 18 Jun 2014