Lephata le araba selelo sa makhanselara
18 Jun 2014
Makhanselara a kgaolo potlana ya Tutume a boleletswe fa lephata la botsogo le tla a aga ntlo ya borobalo ya balwetse go araba selelo sa batho ba kgaolo potlana eo.
Seo se builwe ke mothusa mokwaledi mogolo wa khansele potlana, Rre Lawrence Mazinyane fa a araba tshutiso ya mokhanselara wa Tutume Legare, Rre Moseki Mathodi yo o neng a kopile gore ke eng bogolo go sa agiwe kamore e e tla thusang go fokotsa mosuke kwa matlong a borobalo a balwetsi kwa kokelong eo.
Rre Mazinyane o tlhalositse fa ba botsogo ba ikaeletse go aga kamore eo morago ga go lemoga fa go aga kokelo go ka tsaya nako e ntsi mme balwetsi bone ba sokola.
Mokhanselara Mathodi o supile fa ba sa bolo go lela ka borobalo jwa balwetse mme go se nko e e tswang lemina, a re tota seemo sa kokelo eo ga se ba jese di welang gotlhelele, jalo o kopile gore ba botsogo ba se potlakele.
Mokhanselara wa Tshwaane/Malelejwa, Rre Richard Sikwane o kopile khansele go aga motshelakgabo mo tseleng ya Sowa/Tshwaane, a tlhalosa gore ka nako tsa dipula batho ba kgaolo eo ba a sokola ka bangwe ga ba tseye kalafi ka ditlamelo ka bontsi di kwa moseja wa motse wa bone.
Rre Sikwane a re seemo seo se tshwenya thata gonne ka nako ya merwalela, batho ba felela ba thusiwa ka sefofane sa tlhootomo. Fa a fa bogakolodi, Rre Mazinyane o boletse fa ba itse ka matshwenyego a Tshwaane/Malelejwa, ka jalo khansele ya toropo ya Sowa e ikaeletse go aga motshelakgabo mo nokeng ya Mosetsetshwaane go thusa batho ba kgaolwana eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Buyendasi
Location : TUTUME
Event : Phuthego ya khansele-potlana
Date : 18 Jun 2014