Tona o rotloetsa kereke go nna sekao
17 Jun 2014
Tona wa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu o kopile maloko a kereke ya Head Mountain of God go eteletsa pele maitlamo a go tsisa kagiso le thokgamo mo setshabeng le mo lefatsheng ka kakaretso.
E rile a bula semmuso ntlo ya kereke eo kwa Senete ka Tshipi, Seetebosigo a tlhola malatsi a le lesome le borataro, Rre Batshu a tlhalosa fa dikereke di tshwanetse go tshwaragana le puso go tswa ka mananeo a a nitameng a a ka laolang dikgwetlho di tshwana le kgokgontsho ya bong, tiriso botlhatswa ya nnotagi le go ima ga banana.
Rre Batshu o boletse fa dikereke di lebanwe ke dikgwetlho tse di akaretsang go tlhoka boeteledipele ja motia jo bo nang le boikarabelo mo go diragatseng maitlamo a kwadiso le go tlhokomela tsamaiso ya tsone.
O tsweletse a supa fa seo se baka go kubetsana, go dirisa botlhaswa maemo le go ikgaphela kwa ntle ga maloko fa go tla mo go tseyeng ditshwetso tse di maleba mabapi le dikgang tsa konokono tsa kereke.
Tona a re seemo se, se a tshwenya ka se tlisa ketsaetsego mo bathong e bile se ba rontsha tshwanelo ya go obama ka fa ba eletsang ka teng.
O tsweletse a bolela fa lephata la gagwe le simolotse go lebelela ditsamaiso tsa dikereke go balelwa le melao metheo ya tsone go leka go hema seemo sa go nna jalo.
O ba gwetlhile go nna le kgatlhego mo tsamaisong e ntsha ya dikereke gore ba kgone go baakanya melao metheo ya dikereke tsa bone le go fokotsa diphapaang. Rre Batshu a re,“Ke boikarabelo jwa gago o le moeteledipele go ruta maloko molao motheo le maitlamo le go ba neela boikarabelo jwa go diragatsa tshwanelo ya bone.”
O tsweletse a tlhalosa fa therisano le neelano di le botlhokwa mo go tsamaiseng kereke, jalo a supa fa dikereke dingwe di atlegile ka ntlha ya therisano fa dingwe di thubilwe ke go e tlhoka.
Rre Batshu o akgoletse maloko a kereke ya Head Mountain go nna le therisano le go dira ka mowa o le mongwe, a supa fa seo se di dirile gore ba kgone go aga fa ba obamelang teng.
Mokwaledi mogolo wa kereke eo, Moruti Tendani Manyiwa o kopile gore dikereke di ntshiwe mo go kwadisiweng ka fa tlase ga mekgatlho, a supa fa seo se ba kokonela ka dikereke tsa bone di sa dire dipoelo gonne e le mafelo a go obamelwang teng fela.
Moruti Manyiwa o boletse gape fa ba santse ba kgaratlhela go aga ka bontsi jwa dikerere tsa bone di tshwarela bokopano ka fa tlase ga ditlhare mme ka fa letlhakoreng le lengwe ba lopiwa lekgetho, selo se a supileng se ba babalela fela thata.
O rile ba eletsa gape go tsenya ditlhabololo mo dikagong tsa bone di tshwana le metsi le motlakase mme dithwatlhwa tse ba di lopiwang di ba baya ka fa mosing. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : MASUNGA
Event : Pulo semmuso ya ntlo ya kereke
Date : 17 Jun 2014