Breaking News

Dikole di tshwara segopotso sa ngwana wa moAferika

17 Jun 2014

Baithuti ba dikole tse dikgolwane le tse dipotlana tsa kgaolo potlana ya Mahalapye ba ne ba tshwere segopotso sa letsatsi la ngwana wa mo Aferika ka Mosupologo.

Le fa dikole dingwe di sa kgona go tshwara segopotso sa letsatsi leo ka ntlha  ya go tlhoka setlhogo, baithuti le barutabana ba dikole tsa Mookane, Mahalapye, Machaneng le Setlhomo kwa Otse ba ne ba tshwere segopotso sa letsatsi leo go gopola banana ba Aferika Borwa ba ba neng ba ganyaolwa ke masole a puso ya tlhaolele a lefatshe leo ka 1976.

Morutabana wa sekole se se botlana sa Leetile, Mme Letsogile Mmamadi le wa sekole sa Mookane, Mme Goitsemang Gape gammogo le Mme Bagele Bagaisamang wa sekole se se botlana sa Machaneng ba tlhalositse fa maikaelelo a letsatsi leo e le go gopola banana ba batho bantsho ba ba neng ba bolawa ke masole a lefatshe leo fa ba ne ba le kgatlhanong le go patelediwa go dirisa teme ya seburu ke mmuso wa palo potlana wa batho basweu.

Barutabana bao, ba boleletse baithuti ba dikole tsa bone gore kgato e e neng ya tsewa ke banana ba Aferika Borwa e ne e le tsela nngwe ya go supa fa ba lwela ditshwanelo tsa bone le go supa fa ba le kgatlhanong le go patelediwa go dirisa puo ya seburu kwa dikoleng tsa lefatshe leo.

Ba kopile baithuti gammogo le banana ba lefatshe leno ka kakaretso go ithuta go bala le go kwala gore ba kgone go itse ditshwanelo tsa bone go hema gore di gatakiwe ka dinao.

Barutabana bao ba re, e re ka banana e le bone babusi ba kamoso, ke sone se lekgotla la ditshaba le dirileng melao e e sireletsang ditshwanelo tsa bana kgatlhanong le mebuso ya sereoophate. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Segopotso

Date : 17 Jun 2014