Breaking News

Morafe wa Marobela o rapelela dikgwetlho

17 Jun 2014

E rile bosheng morafe wa Marobela wa phuthaganela kwa kgotleng ya motse oo go rapela kgatlhong le dikgwetlho tsa botshelo tse o kopanang le tsone.

Fa Kgosi Rapelang Khuwe a bua mo bokopanong joo, a akgola lekgotla la baruti go rapelela ditharabololo tsa dikgwetlho tse di apereng setshaba jaaka dipolaano le mefuta yotlhe ya borukutlhi.

Kgosi Khuwe a re mapodisi ka nosi ga a kake a kgona go tsisa ditharabololo tsa mathata a setshaba ntle le go se akaretsa. Mothusa mogokgo wa Marobela Brigade, Mme Kealeboga Pholi a re bokopano jwa dikereke go rapela mmogo bo supa botlhokwa jwa go batla ditharabololo.

O kopile batsadi ba Marobela go kaela baithuti ba brigade tsela ya tshiamo bogolo jang fa ba nna le bone. 

Moeteledipele wa lekgotla la baithuti la brigade, Rre Oagile Molaodi a re baithuti ba lebaganwe ke kgwetlho ya go dirisa bojalwa phetelela, jalo a ikuela mo dikerekeng go rapedisa baithuti kgatlhanong le tiriso ya bojalwa.

Bokopano joo bo ne bo rulagantswe ke dikereke tse di farologaneng tsa motse oo mme dibui ka go farologana di ne di rotloetsa morafe go boela kwa Modimong go bona ditharabololo tsa mathata otlhe a bone.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keamogetse Letsholo

Location : FRANCISTOWN

Event : Bokopano jwa thapelo

Date : 17 Jun 2014