Molemi morui o abetse batlhoki
17 Jun 2014
Kgosi ya Kisa mo kgaolong ya Kgalagadi, Rre Matshidiso Babeile o akgoletse molemi-morui mongwe wa motse oo go bo a eme puso nokeng ka go thusa ba ba dikobo dikhutshwane.
Kgosi o ntshitse kakgolo e mo puisanong bosheng. Kgosi Babeile o kaile fa Rre Piet Villander a dirile tiro e ntle ya go ema puso nokeng ka e ka seke e kgone e le nosi le gone go araba mokgosi wa ga Tautona wa lefatshe leno wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
Rre Piet Villander yo e leng molemi-morui wa popota mo motseng oo, o thusitse batlhoki ba le bararo ka go ba neela dipudi di le lesome le bongwe mongwe le mongwe wa bone e le tsela ya go ema puso nokeng ka lenaneo la nyeletso lehuma, batlhoki ba le lesome le bone ba neetswe dikobo, fa bana ba sekole ba dikhutsana le batlhoki ba le lesome le bone ba thusitswe ka paka ya sekole.
Mmaboipelego wa motse oo, Mme Vivian Mkukula o supile fa Rre Villander a dirisitse PI0 000 go reka diaparo le dikobo fa dipudi tse di masome a mararo le boraro tsone a di tsere mo lesakeng la gagwe.
O tlhalositse fa molemi-morui yoo a boletse fa a gwetlhwilwe ke go bona banni ba motse wa gagwe ba tshelela mo lehumeng.
A re gape o dirile jalo ka gone go leka go fitlhelela lengwe la matshego a Tebelopele ya 2016 la tshaba e e lorato, e le kutlwelobotlhoko e bile e kgathala ka ba bangwe.
Mme Mkukula o tlhalositse fa Rre Piet Villander a dirile tiro e ntle thata ka dimpho tse a di fileng banni bao, a kaya fa a thusitse khansele ya Kgalagadi ka e tshwere phage ka mangana gonne go na le batlhoki ba le bantsi thata mo kgaolong eo.
Mmaboipelego o tsweletse a supa fa Rre Villander a kaile fa a tlaa tswelela ka go supa mowa wa kutlwelo botlhoko le lorato ka go abela ba bangwe ba ba seng lesego mo metseng ee gaufi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 17 Jun 2014