Ba Shakawe ba dirisa motlobo wa dibuka
17 Jun 2014
Mothusa mogolwane wa motlobo wa dibuka wa Shakawe, Mme Alulane Sheke a re motlobo oo, o dirisiwa ka tsela e e nametsang.
Mme Sheke o kaile fa motlobo o, o butswe ka 2013 mme banana le bagolo ba Shakawe ba supile kgatlhego e kgolo thata mo tirisong ya one. A re ba supa kgatlhego mo maranyaneng a Internet ka gore fa ba fitlhela maranyane a a sa tshware ba boela lwapeng.
A re banana bangwe ba ile ba ithaopa kwa ntle ga go lopa dituelo dipe go ruta bana ba ba bannye go bala le go kwala. Mme Sheke a re letlhoko le sa ntse le le lentsi mme ba ka itumelela dithuso dingwe le dingwe go leka go ntsha metse e e kgakala le ditlamelo kwa morago.
Mongwe wa barutabana ba baithaopi, Mme Gakenaope Kashokora a re ba ile ba thusa ka ba lemogile gore ga se botlhe ba ba ka kgonang dituelo tsa dikole tsa bana ba bannye. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mercy Sauzoo
Location : SHAKAWE
Event : Potsolotso
Date : 17 Jun 2014