Breaking News

Bogodu jwa leruo bo shakgaditse Salepito

17 Jun 2014

Kgosi Diteko Salepito o boletse fa a tshwenyegile ka bontsi jwa dikgang tsa bogodu jwa leruo tse di begwang kwa kgotleng ya gagwe.

Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Salepito o supile fa magodu ka bontsi e le banana ba basimane ba ba tlogetseng dikole.

O tsweletse a re ba tshwenngwa ke batsadi ba ekareng ba rotloetsa bogodu jo ka gore fa ba bona bana ba tla ka leruo, ga ba tsiboge mme ba bua mafoko a a reng “ ke banna ba a ipapalela.”

Kgosi Salepito a re go a gakgamatsa go fitlhela ngwana a le dingwaga tse di lesome le bosupa mme a na le dikgomo tse di seng kana ka sepe.

A re e re ntswa malatsi a ba tokafaleditswe tiro ke kgotla tshekelo ya ga mmakaseterata, dinako tse dingwe ga go eme sentle lekgotla la Setswana ka gore fa ba sena go ntsha dikatlholo, basekisiwa ba fetela kwa pele ba batla diagente gore di ba thuse ditsheko, mme se se felela se latlhisa lekgotla la Setswana boleng.

Kgosi o supile gore leruo le le utswiwang thata ke dinamane tse di latlhisiwang bomaatsone, mme o tsweletse ka gore batho ba itshwarelela ka gore go na le molao mongwe o o reng kgomo fa e sa tshwaiwa ga e na mong.

A re ka e bile theko ya dikgomo e setse e tsile mo kgaolong ya bone, barui ba tshwanetse ba tshwaya dikgomo tsa bone mme e bile ba seka ba nna lebaka ba sa ye go tlhola dinamane tsa bone kwa merakeng.

 E re dikgang di eme jalo, Kgosi Salepito a re ba tshwenngwa gape ke dikgang tsa boswa, jalo o tlhagisa banyalani gore le fa ba nyetse  ka molao wa Setswana, ba leke go kwadisa manyalo a bone ka gore dinako di fetogile, mogodimo ga moo ba dire mokwalo o o supang gore dithoto tsa bone di lebagane mang motlhang ba hularang.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mercy Sauzoo

Location : GUMARE

Event : Potsolotso

Date : 17 Jun 2014