Breaking News

Dikereke ga di itumedise balemi

17 Jun 2014

Mothusa kgosi kgolo ya Batlokwa, Kgosi Michael Gaborone o tlhalositse fa dikereke dingwe tse di tsenelang kwa masimo mangwe mo kgaolong eo di sa itumedise banni ba masimo ao fela thata.

Kgosi Gaborone o boletse mo potsolotsong gore dikereke tseo di tswa mo motseng di ya go tsenela kwa masimo a Mabutswe, Sefoke le a a mabapi.

A re dikereke tsa go nna jalo di tsena bosigo di re di a rapela mme morago ga moo ba tlogele diheke di sa tswalwa jalo leruo le senyetse balemi dijwalo tse ba itshetsang ka tsone.  Kgosi o tlhalositse fa ba itsisitse ba sepodisi ka kgang eo le gone go bua le batho ba dikereke tsa go nna jalo ka di leswafatsa tikologo ya masimo ao.

Mo go tse dingwe, kgosi o boletse fa bogogi bo tshwenngwa ke baagedi ba ba senang kgatlhego ya go tsena diphuthego tsa kgotla fa ba lalediwa,  ntswa le bone ba amega mo go tse di diragalang mo motseng, a supa gore banni ba iponatsa fela kwa kgotleng fa ba na le mathata.

Kgosi Gaborone o boletse fa go le botlhokwa gore batho botlhe ba nne le maikarabelo ba bo ba tsenye letsogo go thusa puso le bodiredi.

O tsweletse a re bogogi bo tshwenngwa gape ke dikgang tsa thekiso ya lefatshe, a tlhalosa fa batho ba rekisa lefatshe ka tsela e e gakgamatsang ka motho fa a abelwa lefatshe o le rekisa a ise a nne mo go lone.

O boletse fa go ne go ka nna molemo fa go ka dirwa molao o ka one batho ba ka sekeng ba rekise lefatshe le ba le filweng ga mmogo le go nna le ditsha di le dintsi motho a le mongwe ntswa batho ba bangwe ba sena tsone. BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Letshelaphala

Location : TLOKWENG

Event : Potsolotso

Date : 17 Jun 2014