Ba itumelela kago ya metlaagana
17 Jun 2014
Bagwebi ba ba botlana kwa Masunga ba itumeletse metlaagana ya marekisetso e e agiwang mo motseng wa bone.
Mo potsolotsong bosheng, bagwebi ba, ba tlhalositse fa metlaagana eo, e tlaa tokafatsa ka fa ba ntseng ba dira dikgwebo tsa bone ka teng.
Sengwe se se tlaa fetogang ba boletse fa e le go sa tlhole ba tlamega go rwalela dithoto tsa bone kwa malwapeng letsatsi le letsatsi morago ga go rekisa, ka jaana ba tlaa kgona go tlogela dilwana mo metlaaganeng eo.
Mongwe wa bagwebi, Mme Leungo Monaga, yo o simolotseng kgwebo ya go rekisa diaparo le dinotsididi ka 2009, o tlhalositse fa ba amiwa ke dikgwetlho di le mmalwa di akaretsa go thubelwa dimausu tse ba direlang mo go tsone.
O supile fa kwa tshimologong ya kgwebo ya gagwe, a ne a tsamaya a rekisa mo mebileng, a tsena ntlo le ntlwana ka a ne a sena lefelo la sennelaruri la kgwebo. A re seemo seo, se ngotla dipoelo tsa kgwebo ya gagwe ka a ne a dirisa madi a mantsi go tshela koloi leokwane.
Morago ga go simolola go direla mo semausung se se dirilweng ka disenke, Mme Monaga o bolela fa a tshwanelwa ke go boela le dithoto tsa gagwe kwa lwapeng malatsi otlhe morago ga thekiso, ka a tshaba go ka senyediwa ke magodu.
Mme Jane Motlhatlhedi yo ene a tseneng mo kgwebong ka 2012, o tlhalositse fa metlaagana eo e tlaa mo thusa go sireletsa didirisiwa tsa gagwe.
Mme Motlhatlhedi a re e re le ntswa mafelo ao a lebega a le sepitlaganyane, o lebogela tiro e ntle e e dirilweng ke khansele ya kgaolo ya Bokone Botlhaba, segolo jang ka e se botlhe ba ba kgonneng go abelwa lefatshe la kgwebo, seemo se a boletseng fa se bakiwa ke tlhaelo ya lefatshe e e tsweletseng ka go tshwenya segolo thata mo mafelong a a gaufi le ditlamelo.
E rile a latlhela la gagwe, Mme Naiko Makhosionke a tlhalosa fa metlaagana e , e tlaa ba thusa thata ka di nako ya dipula ka jaana e tlaa sireletsa dithoto tsa bone kgatlhanong le go ka senngwa ke metsi. A re lefelo le a direlang mo go lone ga le a sireletsega go ka dirisiwa dipaka tsotlhe mme seo se mo tlama go emisa kgwebo ya gagwe ka paka ya dipula.
Go ya ka mogolwane mo lephateng la dikago mo khanseleng ya Bokone Botlhaba, Rre Kabelo Gulubane, metlaagana e, e simolotse go agiwa ka kgwedi ya Motsheganong ngwaga o o fetileng mme ba solofetse gore e fele ka Ngwanatsele monongwaga.
Rre Gulubane a re dikago tsa mothale o, di agilwe gape kwa motseng wa Jackalas 1 go thusa bagwebi ba motse oo go kgona go bona lemmenyana mo baeting ba ba dirisang kgoro ya molelwane wa Ramokgwebana o o mo motseng wa bone.
A re go lemosegile fa bagwebi ba ka bona dipoelo mo go direleng kgwebo fa badirisi ba molelwane oo ba ka ba bonang motlhofo teng. Rre Gulubane o tlhalositse fa ba tlhophile metse ya Masunga le Jackalas 1, ka e itshupile fa e humile ka dikgwebo-potlana.
Go ya ka moanamisa-mafoko wa khansele ya Bokone Botlhaba, Rre Caiphus Gabana, metlaagana eo, e tlaa thusa go tsholetsa itsholelo ya kgaolo ya Bokone Botlhaba. A re bagwebi ba tlaa lefisiwa madi a a tlaa dumalanwang pele ba ka dirisa metlaagana eo, kgato e ka bo yone e tlaa thusang khansele go bona matsana a a ka thusang mo go tlhokomeleng lefelo leo.
Rre Gabana a re e tla re kago ya metlaagana eo e sena go wediwa, khansele e bapatse metlaagana gore bagwebi ba ikopele go fiwa sebaka sa go e dirisa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : MASUNGA
Event : Potsolotso
Date : 17 Jun 2014