Breaking News

Tlhagafalelang pina ya setshaba - Puso

17 Jun 2014

Kgosi Puso wa Batlokwa o kopile Batswana go opela pina ya setshaba ka mashetla le ka boipelo, e seng ka go kgobega marapo.

O buile se fa  a amogela batsena phuthego e a neng a e buisa ka Matlhatso kwa Tlokweng. Kgosi o supile fa Batswana ba opela pina ya setshaba ka bonya jo bo feteletseng le ka go kgobega marapo, mme a ba kopa go e opela ba tiile moko le go e fa seriti se se e tshwanetseng.

Mo go tse dingwe, Kgosi Puso o kopile dikgakololo ka molao o o ka dirisiwang go atlhola beng ba leruo le le senyetsang balemi dijwalo. O tlhalositse fa puso e batla gore katlholo ya leruo le le jelang balemi dijwalo e papamale, eseng jaaka gompieno mongwe le mongwe a ipeela seelo.

Kgosi Puso o boletse fa puso e dirisa madimadi go lemela balemi mme bontsi bo tswa bo iphotlhere kwa masimo ka ntlha ya go jelwa dijwalo ke leruo.

E rile ba mo kgwa kgaba, Batlokwa ba supa fa lengwe la mabaka a gore leruo la bone le jele balemi e le go tlhoka mahudiso. Ba kopile puso go ba sekegela tsebe, mme e ba batlele lefelo le ba ka fudisetsang leruo la bone teng.

Monana Rre Phenyo Segokgo, o kopile gore fa leruo le jetse molemi dijwalo, fa e le pudi a atlholwe pudi go ya go tse nne, go tswa fela gore e dirile tshenyo e e kae, ba dire fela jalo le ka dikgomo.

Bangwe ba kopile gore molemi le morui ba buisane, mme fa ba sa dumalane ke gone ba ye go ikuela kwa kgotleng, ba supa fa dikgang tse dingwe ba kgona go di rarabolola ba le nosi.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Puso o ba tshephisitse go isa megopolo ya bone kwa ntlong ya dikgosi, kwa ba tlaa fetang ba e tshotlha le baeteledi pele ba merafe e mengwe teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : TLOKWENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Jun 2014