Breaking News

Seemo sa tlhaelo ya metsi ga se jese di welang

17 Jun 2014

Banni ba metse e e mo kgaolong potlana ya Borolong ba boletse fa ba sa jesiwe di welang ke  seemo sa metsi mo kgaolong ya bone.

Banni ba metse ya Mokatako, Molete, Metlojane, Tshwaanyaneng, Hebron le Phihetshwane, Rakhuna, Ngwatsau le Ditlharapa  ba ipobotse fa pele ga tona wa tsa meepo, kgotetso le metsi, Rre Kitso Mokaila jaaka a ne a buisa diphuthego tsa metse eo bosheng, ba tlhalosa fa ba tshelela mo lenyoreng.

Banni ba bolela fa mo kgaolong ya bone ba kgona go nna malatsi ba sa bone thothi ya go kolobetsa magalapa.

Fa a ntsha la gagwe, Rre Mokaila o boletse gore baitseanape ba tsa metsi ba supa fa kgaolo ya Barolong le Kgalagadi  di le mo lefelong la komelelo, mogodimo ga moo maitemogelo a mangwe e le gore banni ba metse e ba kgaogana metsi a a nowang le leruo.

O tsweletse a tlhalosetsa banni ba metse eo fa ba nosiwa ke didiba, ka jalo fa selekanyo sa pula se le kwa tlase se ama selekanyo se didiba di ka kgonang go tshwara metsi lebaka ka sone. Mo maitekong a go hema seemo sa tlhaelo ya metsi lefatshe ka bophara, tona o tlhalositse gore puso e rebotse madi go thusa go fefosa ditogamaano tse.

O tsweletse a tlhalosa gore keletso ya lephata la gagwe ke gore ka 2016, Motswana mongwe le mongwe a bo a a nwa metsi a a phepa. 

Tona Mokaila o supile fa go agilwe tanka ya metsi kwa Kgoro go thusa go hema seemo sa tlhaelo ya one mo metseng eo.

Mo go tse dingwe, baemedi ba dikomiti tsa metse ba ne ba lela ka letlhoko la boroko jwa badirela puso, mme tona a ba gakolola gore mongwe le mongwe yo o nang le bonno jo bo faphegileng, o ka ikopanya le ba ofisi ya tsa matlo go dira thulaganyo ya go hema seemo sa letlhoko leo mo dikgaolong.

Fa a itebaganya le letlhoko la motlakase, tona o tlhalositse fa lephata la gagwe le dirile mokwalo o o tlaa isiwang fa pele ga khuduthamaga ya ga Tautona go sekasekela ba dikomiti tsa metse go duela P5000 go na le madimadi a ba ntseng ba a lopiwa ke ba koporase ya motlakase. 

Tona Mokaila o tlhalositse fa kopo e, e le maleba ka jaana dikomiti tsa metse ya ditlhabololo di thusa puso mo go rarabololeng mathata a letlhoko la boroko la badirela puso.

Banni ba ngongoregile gape ka tlhaelo ya matlo a borutelo gammogo le seemo sa one. Tona o  tlhalositse fa se se ngomolang pelo e le gore batlhokomedi ba ba okametseng tsa thuto ba ba fa dipego tse di supang fa sengwe le sengwe se apere tshiamo le mororo go sa nna jalo. 

O solofeditse morafe gore o tlaa tsaya ditekodiso tsa bone go ya go kopana le ba ba maleba go bona gore dithuso di nna teng. 

 Tona o kopile banana ba metse ya Borolong go dirisa ofisi ya mopalemente e e mo kgaolong ya bone go kopa dithuso tse di amang matshelo a bone. 

A re ba tswe mo mokgweng wa go eletsa go dira mefuta ya dikgwebo tse di tshwanang, mme a ba rotloetsa go tla ka mefuta ya dikgwebo tse di farologaneng go tlisa diphetogo mo kgaolong ya bone. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : LOBATSE

Event : Diphuthego tsa kgotla

Date : 17 Jun 2014