Breaking News

Khwaere ya Maisantwa e gapa sekgele

16 Jun 2014

Setlhopha sa dikhwaere go tswa kwa motseng wa Sepopa sa Maisantwa se ikgapetse seetsele sa maemo a ntlha mo dikgaisanyong tsa ga Tautona ka letsatsi la Tshipi, Seetebosigo a tlhola malatsi a le lesome le botlhano. 

Dikgaisanyo tseo, tse di neng di tshwaretswe kwa lebaleng le letona la Shakawe di ne di tshologeletswe ke morafe go tswa mo motseng oo.

Khwaere e e tsereng maduo a bobedi ke ya Fire go tswa kwa Shakawe  fa ya maemo a boraro e nnile Dikamela go tswa Nokaneng.  Go ne go akareditswe dikhwaere go tswa kwa Chobe le dikgaolo tse dingwe tsa Ngami jaaka Maun, Kareng, Diphuduhudu le Mababe. 

Molomaganyi wa dikgaisanyo tseo Rre Tshireletso Modikwa o tlhalositse fa ditlhopha tse di neng di gaisanya di le masome mabedi le bongwe mme a re fa go tshwantshanngwa le ngwaga o o fetileng, ditlhopha di dirile bontle  fela thata. 

O tlhalositse fa ba ne ba apere sentle, le go lomagana ga mmino le moono wa dipina o ne o le montle. 

Mogolwane wa khwaere e e ikgapetseng seetsele ya Maisantwa, Mme Kebuang Saxago o tlhalositse fa a le motlotlo e bile a na le tsholofelo ya gore ba ya go tsaya maemo a ntlha kwa Gaborone mo dikgaisanyong tsa lefatshe ka bophara.

O tlhalositse gore le fa ba le basha mo mererong ya dikhwaere, ba lekile go tsaya maleba mo metseng e e tumileng ka moopelo wa dikhwaere jaaka kwa Kgatleng.

 Mme Saxago o tlhalositse gore go ne go le matshwanedi gore ba ikgapele maemo a ntlha ka ba ithutuntshitse dikgwedi tse pedi ba sa ikhutse.  

A re  ba ne ba ithulaganya fela e le bana ba khwaere ba dirisa botsipa jo ba bo anyilweng mo dikhwaereng tse di setseng di gatetse pele. 

Mme Saxago o tlhalositse fa ba tla emela kgaolo ya bone ka botswerere kwa makgaola kgannyeng a dikgaisano tsa ga Tautona mo Gaborone.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : GUMARE

Event : Dikgaisanyo

Date : 16 Jun 2014