Breaking News

Mmakaseterata o kgala tsuulolo ya ditshwanelo

16 Jun 2014

Mmakasetarata wa Gumare, Rre Onneile Ntwaapelo o kgadile a sa kgwe mathe mafatshe mangwe a a sa ntseng a tsweletse ka go tsuulola ditshwanelo tsa bana.

O file sekai ka tiragalo ya bosheng e mo go yone basetsana ba ba ka nnang makgolo a mabedi ba thopilweng kwa lefatsheng la Nigeria, a bo a gwetlha bana go kgala dikgang tsa go nna jalo ka di isa tlase serodumo le boleng jwa bone. Rre Ntwaapelo o ne a bula semmuso letsatsi la ngwana wa mo Aferika kwa Gumare.

E rile a itebaganya le moono wa monongwaga wa letsatsi leo, o o reng: Thuto ya tlhwatlhwa ya banana ya mahala ebile e gololesegile ya bana botlhe ba Africa,  Rre Ntwaapelo a gwetlha batsadi go ema puso nokeng mo thutong ya bana ba bone. 

A re, “go monate jang go bona ngwana wa mo Aferika a direla lefatshe la gaabo le lefatshe ka bophara, mme seo se ka kgonagala fela ka thotloetso ya batsadi.” 

O bile a kgala dingwao dingwe tse di tsoulolang ditshwanelo tsa bana bogolo jang ba basetsana ka go ba nyadisa ba sale bannye. 

Rre Ntwaapelo o kopile ba ba dirang jalo go sekaseka ngwao ya bone ka e nna sekgoreletsi mo tseleng ya bone ya go akola thuto e e gololesegileng jaaka setlhogo se tlhalosa.

 A re jaaka go supagala lengwe la matshego a lefatshe leno la Tebelopele ya Setshaba ya 2016, ya go nna tshaba e e rutegileng, e na le kitso, ke maikaelelo a puso gore letshego leo le diragadiwe go sologela molemo le dikokomane tse di tlang mme jaanong go ka nna madi mabe fa bangwe ba sa le diragatse.

E ne e rile pele, kgosi wa motse wa Gumare, Rre Diteko Salepito a kopa barutabana go ruta bana ba sale bannye ka ngwao ya Setswana gore ba gole ba e itse. A re banana ba tshwanetse ba rutwa gore bomme ga ba tswale marokgwe mo kgotleng, fa banna bone ba sa letlelelwe go tswala marokgwe a makhutshwane le go rwala dihutshe.

Mogolwane wa lekalana la boipelego wa kgaolo ya Okavango, Rre Nelson Elias a re maikaelelo a letsatsi leo ke go tla go sekaseka gore lefatshe leno le ntse le tshegeditse le go diragatsa ditumalano tse di dirilweng le mafatshe a mangwe.

A re go tshwanetse ga neelwa ngwana tshwanelo yotlhe go akarediwa thuto ya boleng e e ka mo isang golo gongwe, a bo a rotloetsa bana go tsaya melaetsa ya letsatsi leo ka tlhoafalo ka e ka ba bopa.  

Molaetsa o, o kgonne go amogelwa ke morafe o o neng o tsholegetse kwa  kgotleng ya  Gumare ka tsholofelo ya go bona badiri ba seromamowa ba gasa jaaka e le lenaneo le le ntseng le tsweletse la badiri ba seromamowa go se isa kwa mafelong a a farologaneng kwa kgaolong ya Nhabe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Rebecca Katjimune

Location : GUMARE

Event : Letsatsi la ngwana wa mo Aferika

Date : 16 Jun 2014