Breaking News

Baithuti ba inaakantse le motokwane

16 Jun 2014

Mothusa kgosikgolo ya Batlokwa, Kgosi Michael Gaborone o boletse fa kgang ya motokwane e tsentse letsogo mo baithuting ba dikole tse di potlana kwa motseng oo.

Kgosi Gaborone o boletse seo mo potsolotsong bosheng, a tlhalosa fa baithuti ba ba amegang, ba tswa mo lwapeng ba re ba ya sekoleng ntswa ba sa ye teng ba ya go thibelela kwa dimausung.

Kgosi o tlhalositse fa go amega baithuti ba dingwaga tse di fagare  ga lesome le bongwe le lesome le bofera bobedi. O tsweletse a tlhalosa fa batsadi ba itlhokomolosa bana ba bone e bile ba seke ba tlhomamisa gore ka boammaaruri bana ba ile sekoleng.

Kgosi o boletse fa baithuti bao ba rekisetswa motokwane ke banana ba dingwaga tse di lesome le borobabobedi go ya kwa godim2o, a supa fa go setse go kgalemilwe bana ba le bantsi fa pele ga batsadi ba bone le mmaboipelego wa kgaolo.

O tlhalositse fa bana bao ba ka se tlhatlhelwe ka ba le dingwaga tse di kwa tlase ka jalo gole botlhokwa gore ba kgalemelwe ka thupa, a tlatsa ka gore batsadi ba tshwanetse go tlhokomela bana ba bone go tila go atlholwa.

Baithuti ba le lesome le boraro ba ne ba otlhaiwa ka thupa, fa maina a barekisi ba motokwane a le matlhano a ne a neelwa ba sepodisi. Kgosi o boletse fa ba dirile tumalano le batsadi ba bana bao go nna baya go lekola gore a bana ba bone ba ya sekoleng ka nako gammogo le gone go tsenelela dithuto tsotlhe.

A re ka Laboraro mongwe le mongwe go tla a nna le pego e e dirilweng e tla mo kgosing go bona gore a baithuti bao ba ile sekoleng sentle. 

O tsweletse a tlhalosa fa ba kopile ba sepodise go sekaseka le go baya leitlho dimausu tsotlhe tse di rekisetsang fa pele ga dikole le mabenkele  ka gonne ke one a a bakang mathata. 

A re motokwane o tsenngwa mo lebokosong la mmechisi mme o rekisiwe P10.

Kgosi o boletse fa baithuti bao gape ba goga glue e ba e phuthelang ka polaseteke mme a re seo ga se a siamela botsogo jwa bone ka go dira gore ba tswe mo tseleng  e bile ba seka ba tsena sekole.

Mo go tse dingwe, Kgosi Michael Gaborone o tlhalositse fa diletso go tswa kwa marekisetsong a bojalwa di baka modumo o o feteletseng mo motseng, ka jalo ba itshwaragantse le ba Bye Law go ela seemo seo tlhoko. 

O tlhalositse fa nnotagi e tshwenya, mme a re ba kopile ba sepodise go leba seemo le go laola modumo mo motseng, a re go itlosa bodutu go a letlelesega mme ka tsela e e siameng go sa iphitisiwe dino. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Letshelaphala

Location : RAMOTSWA

Event : Potsolotso

Date : 16 Jun 2014