Monna o bolailwe
16 Jun 2014
Monna mongwe wa dingwaga tse di lesome le borobabongwe wa Extension 27 kwa Gaborone, o bolailwe ke motho mongwe yo o sa itseweng mo kgotleng ya Sefoke kwa Tlokweng.
Mogolwane wa mapodisi a Tlokweng, Superintendent Lebalang Maniki a rre yoo, o ne a buledisitse mongwe ka koloi ka nako ya bone mo mosong, mme e ne ya re yo a buledisitsweng a sena go tsena mo ntlong, a utlwa mong wa koloi a kua .
O boletse fa e rile ba tabogela kwa koloing ba fitllhela rre yoo a tshologa madi, mme ba mo ragosetsa kwa sepateleng kwa ba fetileng ba tlhomamisediwa fa a tlhokafetse. Mapodisi a tsweletse ka ditlhotlhomiso go bona se se ka tswang se diragetse.
E ntse e le gone kwa Tlokweng, mapodise a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone lekawana le boneng ntsa e gogagoga sengwe se go lebegang e le lesea kwa kgotleng ya Dipshwega. O bolela fa lekawana leo le ne la bitsa bagolo go tla go bona tiragalo eo.
O kopile bomme go tlogela go latlha masea a ba a belegang, mme a ba kgothatsa go kopa thuso mo go ba boipelego fa ba na le mathata.
Mo go tse dingwe, mapodisi a Tlokweng ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone magodu a le mararo a kgothositseng marekisetso a Payless madi a a sa itseweng, kwa Tlokweng Old Mall. Tiragalo e, e diragetse kgwedi eno e le lesome le bongwe ka nako ya borobabobedi bosigo.
Supt Maniki o kopile setshaba go ba batlisa manweenwee ao, a tlhalosa fa go sena molato o o ka diragalang mongwe a sa itse. O kopile setshaba go begela mapodisi dikoloi tse ba bonang di tsamaya di sena dinomore. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Ditlhotlhomiso tsa sepodise
Date : 16 Jun 2014